Komiti ya Dutch e abela bagodi
01 Mar 2021
Komiti ya boutlwelobotlhoko ya kereke ya Dutch Reformed kwa Morwa e abetse bagolo ba motse dipampitshana tsa theko tsa P300 mongwe le mongwe.
Fa a bua kwa moletlong wa kabo-dimpho tseo mo bosheng, Mokhanselara Opakile Setlhabi o tlhalositse fa puso e ka seke e kgone go thusa morafe otlhe e le nosi, ka jalo komiti e bone go tshwanela go thusa bagodi ka go ba abela gore ba kgone go reka tse ba di tlhokang.
Rre Setlhabi o ne a kopa batlhokomedi ba bagodi gore dithekethe tseo ba di dirise go rekela bagodi dijo tse ba di tlhokang fela, e seng go di itirisetsa.
A re go botlhokwa gore fa go na le ba ba nang le keletso ya go aba, ba amogelwe ka tsoo-pedi.
O ne a rotloetsa bagodi gore ba tswelele ba itshireletse mo mogareng wa COVID 19 ka go rwala dibipa-molomo, go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa le go diragatsa melawana ya botsogo.
Fa a tswa la gagwe, leloko la komiti eo, Rre Lionel Harvey o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa go thusa bagodi ka ba sa tlhole ba na le thata ya go ka itirela, a tlatsa ka go re le ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ba tshwanetse go thusiwa ka go abelwa bonnye jo bo leng teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Sandra Sethaiso
Location : MORWA
Event : kabo dimpho
Date : 01 Mar 2021