Kwelo tlase ya maduo e gwetlha tona
01 Mar 2021
Mothusa tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Sethabelo Modukanele e rile ka Labotlhano a etela sekole se segolwane sa Mokgalo kwa Lecheng, go ya go utlwa se se bakileng kwelo-tlase ya maduo a mophato wa boraro .
Mogokgo Janet Kgwadi o tlhalositse fa sekole se se amogela bana go tswa kwa dikoleng tse di potlana di ferabobedi mme batsadi ba bana ba ba tswang kgakala, ba se na kgatlhego ya go kopanela thuto ya bana le barutabana.
Mme Kgwadi a re mo ngwageng o o fetileng, ba nnile le dikgwetlho di tshwana le go nna le dithuto tsa phakela le tsa motshegare mo go bakilweng ke COVID-19, ka nako e khutshwane, letlhoko la motshine o o ntsifatsang dipampiri, koloi le dikhomputara, madi a a neng a tlhaelela kgakala a go dira ditiro tsa diatla le tlhaelo ya barutabana.
Mogokgo a re basimane ba ne ba le bantsi go feta basetsana, ka jalo, go tlhoka tsebe ga baithuti go ne go tsere phekelo e sele ka ba ne ba dirisa ditagi mo ba neng ba goga setlhare sa setsanana mme ka go tlhoka lesego ba lemogile ka nako e ba neng ba kwala ditlhatlhobo.
A re go na le moithuti yo o neng a kwala tlhatlhobo a tswa kwa kgolegelong ka ba ne ba lwa le ka dithipa tota.
Mme Kgwadi a re seo se bakile gore monongwaga, ba simolole mananeo a masha, go bona gore ba ka tokafatsa maduo jang. A re baithuti ba lokwalo lwa boraro ga ba na dithuto tsa phakela le maitseboa mme ba tsena phakela ba bo ba ya go tswa maitseboa gape ba na le matshine o o ntsifatsang dipampiri. A re ba itumile wa tlase go bona gore maduo a monongwaga a a tokafala.
O kaile fa bodiredi jwa sekole bo nna ka letshogo, ka lebaka la gore ngwaga le ngwaga mmereki a le mongwe kana ba le babedi ba a tlhokafala, a re ba tlhokana le tshidilo maikutlo gore ba dire tiro ya bone ka tshosologo.
A re go na le dikgang tsa COVID-19 di le 24, barutabana ba le barataro le baithuti ba le 18.
Rre Setlhabelo Modukanele, yo gape e leng mopalamente wa Lerala/Maunatlala o ne a tlhalosa fa a tsile go bona bodiredi jwa Mokgalo le go ba sidila maikutlo morago ga kwelo-tlase ya maduo a lokwalo lwa boraro go tswa kwa go 30.6 go ya kwa 14.6 per cent.
Rre Modukanele a re se se botlhokwa ke gore bodiredi bo dirang go netefatsa gore ba tokafatsa maduo. A re thuto e tlhoka motsadi, ngwana le morutabana go ntsha maduo a a itumedisang.
A re batsadi ba tshwanetse go tsaya boikarabelo mo thutong ya bana ka gore botlhoka-tsebe bo simolola kwa malwapeng e seng kwa sekoleng.
O kaile fa a ikemiseditse go ema sekole nokeng.
Rre Modukanele o tlhalositse fa COVID-19 e apesitse lefatshe kobo ka letshoba, mme a ba rotloetsa go ithuta go tshela le bolwetse le go sala ditaelo tsa ba botsogo morago.
Mogolwane wa dithuto tsa Humanities, Mme Botsile Zemora o lebogetse Rre Modukanele go ba lekola.
O tlhalositse fa go na le sekgwa kwa morago ga sekole, se bontsi jwa baithuti ba nnang mo go sone mme ba ka bo ba le mo dithutong.
Mogolwane wa tsa maranyane, Rre Lucas Phillimon ene o tlhalositse fa baithuti ba sa kgalemelesege.
A re bogoma bo bontsi mo go bone mme ke jone jo bo digang maduo a baithuti ka le thupa ba setse ba e tlwaetse, e sa ba re sepe.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Segojame Ikgopoleng
Location : LECHENG
Event : loeto
Date : 01 Mar 2021