Sebopi o itshetsa ka petlwana
28 Feb 2021
Rre Ramaebana Sebopi 77, a re e ne ya re go lemoga fa babetli ba dipora ba se kalo kwa Lerala, a ipolelela fa se e le sone se ka mo tlodisang melatswana.
Tshimologong a re o ne a betla dipora, dikika le metshe, mme ya re go lemoga fa babetli ba dikika le metshe ba le bantsi, a ganelela mo go betleng dipora ka mefuta.
O tlhaloseditse BOPA fa a ne a sa batle go gaisana le ope kwa Lerala.
“Letseno le botoka ka ga ke na yo ke gaisanang le ene mo go betleng dipora,” Rre Sebopi a tlhalosa.
A re le fa a sa tsena sekole, o ne a sa batle go nna fela, a re barutabana ba thuto-ga-e-golelwe, ba ne ba ikgolaganya nae, go mo kgothatsa go tsena sekole go tlhabolola kitso ya gagwe ya go betla mme a tsena sebaka sa dingwaga tse pedi.
Rre Sebopi a re o kile a tsenelela dikgaisanyo tsa malatsi a ga Tautana kwa dipora tsa gagwe di feletseng di gapa maemo a bobedi kwa Gaborone.
A re ga a ngongoregele theko ka e a re a fetsa go betla go bo go rekwa.
Dipora tse, o tlhalositse fa a di betla ka setlhare sa mothapo se bangwe ba se bitsang morokwane, se se bonwang mo masimong le kwa dithabeng.
A re setlhare se, o se kgaola fa mariga a simolola kana fa dipula di na mme a bo a simolola go betla ka nako ya selemo, se sena go oma gore se seka sa phatloga.
Rre Sebopi a re setlhare se kgona go jewa ke diji a letile gore se ome, ka jalo se batla go tshwarwa ka matsetseleko.
A re o na le keletso ya go ruta banana go betla, mathata ga ba na kgatlhego.
A re motho o tlhoka fela tlhaloganyo le matsogo go huma. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Segojame Ikgopoleng
Location : LERALA
Event : potsolotso
Date : 28 Feb 2021



