Breaking News

Mabolwe o tlhasetswe ke diboko

28 Feb 2021

Masimo a Mabolwe gaufi le Tonota a tlhasetswe ke seboko sa segopa le nonyane ya Tlhaga.

Mo potsolosong le BOPA, molemi, Rre Gabriel Maifala wa dingwaga tse 61 a re o itlamileng go nna kwa masimo ka lebaka le.

A re seboko se se tlhasetse mmidi le mabele a sekgwathana mo a tlaa lalang a dule a iphotlhere.

A re o ne a gasa mmidi chefu e e bolayang diji, e ka lesego a boneng dikgetsi tsa mmidi tse a supang fa a thusa dikole tse dipotlana mo Tonota ka tsone. 

Mo nakong eno, Rre Maifala o setse a rekiseditse sekole sa Masedi ditlhotlha tsa mmidi di le makgolo a matlhano le masome a marataro fa ba John Poko bone ba bone di le makgolo a marataro le masome a mabedi mme sekole sa Moutwatsi sone se bone ditlhotlha di le makgolo a mararo le masome a marataro.

 Rre Maifala a re puso e mo thusitse ka  go mo fa lesedi la gore seboko se a se leke ka dichefu dife le ka fa go dirwang ka teng ga mmogo le peo ya mabele a sekgwathana ya bokete jwa 20kg fa ene a itheketse 20kg wa sephala.

A re o ne a fiwa monontshane wa dikgetsi tse di lesome le borataro tse a di dirisitseng ka go tshela kgetsi tse pedi mo ekereng nngwe le nngwe ya mabele.

Rre Maifala a re ditlhwatlhwa tsa Botswana Agricultural Marketing Board ga di mo kgotsofatse.

A re o  kgonne go lema mmidi, mabele a sekgwathana le sephala gammogo le dinawa, magapu, ntshe le sonobolomo mo diekereng di le lesome le borataro ka temo ya komelelo mo tshimong ya gagwe e e diekere tse di masome mabedi.

Gone mo tshimong e Rre Maifala o ruile dikgomo, dipodi le dikoko mme o supa fa dikgwetlho tse dingwe di akaretsa tlhaelo ya didirisiwa.

Molemisi wa kgaolo, Rre Phetogo Molefi o tlhalositse fa mo nakong ya gompieno puso e itlamile go thusa Batswana fa ba tlhasetswe ke thaga le tsie fela mme seboko sone ba thusa ka lesedi le go kwalela molemi melemo ya diji e a ka e dirisang go se fenya.

Rre Molefi a re balemi ba le masome marataro le botlhano mo kgaolong e a e tlhokometseng ba lemile diekere di feta sekete le lekgolo mme a supa fa ba santse ba tsweletse ka go meta masimo. 

O supile fa bangwe ba amilwe ke dinako tsa kiletso mesepele ka ba tlamega go boa ka pele kwa masimo. 

A re kgwetho e nngwe e nnile gore masimo a tlhasetswe ke morwalela o o neng o a kgaoganya ka bogare gammogo le seboko le gore balemi bangwe ba ne ba felela ba lema ba gasa ka ba ne ba sa ikwadisetsa temo.

Mabapi le dikgwetlho tse di amang ofisi ya gagwe, molemisi o tlhalosa fa go tlhagoga ga mogare wa COVID-19 go amile thata lenaneo la go atolosa dithuto tsa bolemisi kwa baleming ka ba sa kgone go kgobokanya balemi mo diphuthegong tsa kgotla jaaka e ne e le tlwaelo pele.

Rre Molefi a re se se botlhoko e be e nna gore bontsi jwa balemi ke bagolo ba ba ka se keng ba kgone go ka romelelwa dithuto tse mo maranyaneng gape ba sena ditlamelo tsa go nna jalo.

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goratagaone Madome

Location : MABOLWE

Event : potsolotso

Date : 28 Feb 2021