Kgosi Magapatona o ne a le senatla a itse tiro
28 Feb 2021
Dibui ka go farologana di kaile fa Kgosi Jenamo Magapatona wa Tutume yo o tlogetseng tiro ka bogodi ka 2015 e ne e le senatla mo tirong ya gagwe.
Ba buile jaana kwa moletlong wa segopotso sa ga Kgosi Magapatona yo o tlhokafetseng a le dingwaga tse di masome a robang bongwe le bobedi a sena go lwala ka bokhutshwane.
O bolokilwe ka Matlhatso.
Ba ne ba re kwa ntle ga bonatla, Kgosi o ne a le bogale a sa tshabe go bua maikutlo a gagwe.
Ba re o ne gape a le bonolo, a le lerato, gape a rotloetsa mowa wa kagiso le popagano mo morafeng wa gagwe.
Tutume sub-senior tribal authority, Kgosi Tapson Madikwe a re Kgosi Magapatona o ne a le bogale mme e le jwa nakwana.
A re o amule go le gontsi mo go ene ka a ne a le botlhale a itse melawana ya ditsheko le ntswa a ne a sa itewa seatla.
Seo se ne sa rurifadiwa ke Kgosi Toteng Ndzonga wa Nkange yo o boletseng fa kgosi Magapatona a ne a itse tiro ya gagwe ya bogosi e bile a le setswerere sa go reetsa tsheko le go tsaya ditshwetso.
Malomeagwe kgosi, Rre Lambani Moeti o tlhalositse gore motlogolo wa gagwe o ne a le lerato, a letlanya a tsaya mongwe le mongwe ka tekatekanyo.
Rre Moeti a re ga go thona gore a galalediwe a bo a tlotlwe ke batho ba a kileng a bereka le bone mo lekgotleng la Setswana la Tutume.
A re e ne e le motho yo o neng a bua maikutlo a gagwe e bile a rata gore molao o diragadiwe sentle.
Kgosi Magapatona o nnile kgosi sebaka sa dingwaga tse di masome mane le bongwe go fitlhelela a tlogela tiro ka bogodi.
O tlogela mohumagadi, bana ba le batlhano le bana ba bana ba le barataro. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : segopotso
Date : 28 Feb 2021



