Mopalamente o abetse sekole ditilo
25 Feb 2021
Mopalamente wa Kgatleng Botlhaba, Rre Mabuse Pule, o abetse sekole se se potlana sa Oodi ditilo di le masome a mararo.
Rre Pule, yo gape e leng mothusa motsamaisa dipuisanyo tsa Palamente, a re e ne ya re a etetse sekole seo bosheng, a lemoga fa se na le tlhaelo ya ditilo le ditafole mme a tsaya tshwetso ya go thusa.
A re sekole sa Oodi se santse se tlhaelelwa ke ditafole le ditanka tse di bayang metsi, mme gape matlwana a borutelo a tlhoka go baakanngwa.
Rre Pule o kopile dikhamphane go thusa puso ka tse di tlhokegang kwa dikoleng ka se se ka kgothatsa baithuti go dira ka natla.
A re maduo a lekwalo la bosupa a sekole se dikileng se a bone a 64.2 per cent, ga se a a nametsang, jalo go le maleba go ema ka dinao go a tokafatsa.
Mogolwane wa tsa thuto kwa Kgatleng, Rre Mothusi James, a re fa e sa le dikole di bulwa ka Hirikgong, dikole tsa Kgatleng di kwadisitse ee kwa godimo ya mogare wa corona.
A re mo bekeng e e fetileng, go gatisitswe dipalo tsa baithuti ba le 1 061 le barutabana ba le 92 ba ba tseneng mo serubing.
O supile fa baithuti ba le 203 le barutabana ba le 70 ba netefaditswe fa ba na le bolwetse jwa COVID-19, fa baithuti ba le 157 ba sa tlhole ba na le dikai tsa mogare mme ba boetse sekoleng fa barutabana ba le 25 le bone ba boetse ditirong.
Rre James a re kwa sekoleng sa Oodi, baithuti ba le 258 ba mo serubing, mme ba le 39 go rurifaditswe fa ba na le mogare.
A re barutabana ba le 11 ba mo serubing mme ba le bararo go tlhomamisitswe fa ba na le mogare.
O tlhalositse fa baithuti ba le 65 ba boetse sekoleng mme barutabana ba le 10 ba boetse ditirong.
Rre James a re seemo se, se amile maikutlo a barutabana mme go tlaa nna le lenaneo la tshidilo maikutlo.
Mogokgo wa sekole, Mme Doreen Masupe, o lebogetse mpho ya mopalamente ya ditilo a re di tlaa thusa baithuti go katologana jaaka fa ba botsogo ba tlhalositse, go hema mo tsenwa ke mogare.
O lebogetse mogolwane wa tsa thuto kwa Kgatleng tirisano mmogo, a supa fa go le botlhokwa gore bogogi bo dirisane sentle go lekodisana ka botsogo jwa baithuti.
A re baithuti ba ba neng ba le mo serubing, ba boetse sekoleng ka dipalo tse di kwa godimo, a tlhalosa gape gore setlhopha sa bofelo sa baithuti ba le 78, se se neng se setse, se solofetse go boela sekoleng gompieno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Sandra Sethaiso
Location : MOCHUDI
Event : Kabo Dimpho
Date : 25 Feb 2021



