Ba solofetse thobo e e nametsang
24 Feb 2021
Balemi ba na le tsholofelo ya gore monongwaga ba tlaa bona thobo e e nametsang ka ntata ya pula e ntsi.
Kwa masimong a Moipolai go bapa le Moiyabana kwa kgaolong ya Legare, Rre Gabotsalelwe Keatshotse le mohumagadi wa gagwe, Mme Obopeng Keatshotse, ba tshwere ka natla go babalela tse ba di lemileng.
Ba re moso mongwe le mongwe ba tsogela kwa tshimong go koba dinonyane, tse di leng matshosetsi mo dijwalong tsa bone.
Mo potsolosong, Rre Keatshotse o supile fa ba solofetse thobo e e botoka fela thata.
Le fa go ntse jalo, a re thaga e setse e simolotse go ja mabele.
Rre Keatshotse o ne a tlhalosa fa dinonyane tseo di le dintsi fela thata, a tlatsa ka gore ba setse ba akanya go dira bonno mo teng ga tshimo, gore ba lete sentle go simolola makuku.
O ne a supa fa ngwaga le ngwaga ba lemela go ja, ka ba ne ba ise ba fitlhe mo seemong sa go rekisa, ka ba ntse ba sa bone thobo e e nametsang.
Rre Keatshotse a re o na le tsholofelo ya gore thobo ya monongwaga, e tlaa mo letla go rekisa.
O lemile ditema di le nne tsa mabele, di le nne tsa mmidi, di le pedi tsa dinawa le e le nngwe ya ntshe.
A re o ne a lemile magapu mme a seka a tswa.
Rre Keatshotse a re mo letsemeng le le fetileng, go ne go sena pula ee kalo, mme ba ne ba kgona go bona mo ba ka go jang.
A re o lemogile gape gore ba ne ba lema ka nako, mme dijwalo ka bontsi tsa seka tsa tlhaselwa ke diji le fa mmidi o ne wa tlhaselwa ke seboko mo go ne ga isa thobo ya one kwa tlase.
O ne a rotloetsa balemi ba bangwe go tlhwaafalela temo ka e le yone e ka ba direlang dijo.
Rre Kabelo Letso, yo le ene a lemileng kwa masimong a Moipolai, a re o solofetse thobo e e nametsang.
A re o lemile tema tse tharo ka a ne a itekanyetsa, gore a kgone go tlhokomela sentle.
O supile fa go sena diji dipe tse di mo tshwenyang, fa ese mhero o a bolelang fa o le thata gore motho a ka o ntsha.
Rre Letso a re o ne a nna le mathata a go bona terekere ka di le boutsana, ka jalo mo letsemeng le le tlang, o akanya go ka a na le tsone.
O ne a akgola barui ba masimo a Moipolai go bo mo nakong eno, ba tlhokometse leruo la bone, a re seo se supa tirisano mmogo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : MOIYABANA
Event : Potsolotso
Date : 24 Feb 2021



