Setlalekgosi o rotloetsa mowa wa bojammogo
24 Feb 2021
Mothusa modulasetilo wa khansele potlana ya Mahalapye, Rre Thebe Setlalekgosi, o rotloeditse setshaba go thusana go imolola puso morwalo.
Rre Setlalekgosi, yo e leng mokhanselara wa kgaolo ya Mookane, o buile seo ka Mosupologo Tlhakole 22 fa a abela dikole tse di potlana tsa Moineedi kwa Taupye le Shakwe kwa Shakwe melora, di bolaya megare ga mmogo le di bipa nko le molomo.
O tlhalositse fa a ne a kopanetse tiro le mokhanselara wa kgaolo eo, Rre Mooketsi Maiketso, a supa fa ba ntshitse mo dipateng tsa bone gore ba thuse dikole.
Rre Setlalekgosi a re le ntswa go sa lekana, ba ba filweng ba tlaa nna le se ba se dirisang mo malatsing, a supa fa ba tlaa thusa le kwa Makwate.
A re go le gantsi bana ba lebala di bipa nko le molomo, mme go botlhokwa gore sekole se bo se na le tsone gore bana ba kgone go fiwa fa ba lebetse go na le gore ba busetswe kwa malwapeng.
A re seo se ka somarela nako le gore ngwana a seka a siiwa ke dithuto a boetse sebipa nko le molomo.
Mogokgo wa sekole sa Moineedi, Mme Oaitse Keletso, a re ba na le dikgwetlho di le mmalwa jaaka go tlhoka boroko ga barutabana le matlo a borutelo a a leng mannye, a supa fa go nna thata gore ba katologanye bana mo nakong e ya segajaja.
Mme Keletso a re le ntswa sekole sa gagwe se le se botlana, ga se a salela kwa morago mo dithutong, a supa fa mo ngwageng wa 2020, ba fentse ditlhatlhobo ka masome a marataro le botlhano mo lekgolong.
Rre Edward Moganana yo e leng modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana o lebogetse tiro e e dirilweng ke Rre Setlalekgosi le Rre Maiketso, a supa gore ke tiro e kgolo bogolo jang mo nakong e ya twantsho bolwetse.
O rotloeditse barutabana go tlhokomela didirisiwa tseo, a re di lekane go ka dirisiwa mo malatsing a le mmalwanyana.
Mothusa modulasetilo wa komiti ya thuto kwa khanseleng potlana ya kgaolo ya Mahalapye gape e le mokhanselara wa Ngakayagae kwa Mahalapye, Rre Khumo Motonto, o supile fa khansele e santse e sena madi go thusa ka tse di tlhokegang mo dikoleng, mme a lebogela mowa wa boithaopo wa ga Rre Setlalekgosi le Rre Maiketso.
O supile fa ba itse ka ga dikgwetlho tse dikole di nang le tsone mme matshwenyego ao a tlaa arabiwa fa madi a le teng.
Rre Setlalekgosi le Rre Maiketso ba ne gape ba abela lelwapa loora Kelateletswe kwa Shakwe bolao, leterase le dikobo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Pulamoeng
Location : MAHALAPYE
Event : Kabo Dimpho
Date : 24 Feb 2021



