Kotsi ya tsela e gapile matshelo
24 Feb 2021
Mapodisi a Mochudi a tlhotlhomisa kotsi ya tsela e e gapileng matshelo a batho ba le babedi.
Fa a bua mo potsolotsong, mothusa mogolwane wa mapodisi a pharakano, Assistant Superintendent Onthusitse Keitumele, a re kotsi eo e diragetse mo tseleng ya A1, gaufi le dipone tsa taolo mosepele tsa Bokaa ka Mosupologo ka nako ya bosupa mo maitseboeng.
Asst Supt Keitumele o tlhalositse fa batho ba ba amegileng mo kotsing eo ya dikoloi tsa modiro wa Mercedes Benz le Honda Fit e le ba dingwaga tse di fa gare ga masome mabedi le masome a mane.
O tlhalositse fa ba ba boneng dikgobalo ba sidilega kwa Gaborone Private Hospital.
A re fa e sa le ngwaga o simologa ba gatisitse dikotsi tsa tsela tse di senang dikgobalo di le 561, a tlatsa ka gore kotsi e ke yone ya ntlha e e masisi go gatisiwa monongwaga.
A re dikotsi tse di masisi tse di gapelang batho matshelo di ka tswa di fokoditswe ke gore maitiso a tswaletswe ka jalo metsamao e fokotsegile bogolo jang bosigo.
Asst Supt Keitumele a re ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile kotsi eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Sandra Sethaiso
Location : MOCHUDI
Event : Potsolotso
Date : 24 Feb 2021



