Barui ba gakololwa go direla leruo dijo
23 Feb 2021
Mogolwane kwa lephateng la Tlhabololo Temo Thuo le Tlhomamiso Dijo kwa Mahalapye, Rre Slumber Badumi, o gakolotse barui go itirela dijo tsa leruo go fokotsa ditshenyegelo.
Fa a buisa makhanselara a kgaolo-potlana ya Serowe ka Mosupologo Tlhakole 22, Rre Badubi o boletse fa barui ba tshwanelwa ke go itirela dijo ka go dirisa tse di salang mo masimong fa ba sena go roba.
O supile fa puso e ntsha madi a mantsi gore balemi ba kgone go ntsha dijo kwa masimong mme fa ba sena go roba go na le tse di salang jaaka letlhaka.
A re go le gantsi fa balemi ba sena go roba, ba tsenya leruo mo masimong go ja letlhaka le le setseng, mme le ne le ka ba sologela molemo ka go dira motswako wa dijo tsa leruo.
O kaile fa bontsi jwa barui ba dirisa thata ditsatlholego jaaka bojang jo ba bo fitlhelang fa ba ruetseng teng, mme fa dipaka di fetoga, dikotla tsa bojang joo di ya kwa tlase.
Rre Badubi a re fa dikotla tsa bojang di wela kwa tlase kana bo sa tlhoge, go tshwanetse gore go dirwe sengwe go bona gore leruo ga le babalelwe mo e tlaa reng kwa bofelong le bo le e swa kana e sa nne la boleng jo bo kwa godimo.
A re barui ba ka itirela dijo tsa dikgomo ba dirisa lesika la mabele kana mmidi o o tokafaditsweng seemo le dinawa tse di sidilweng.
A re fa pula e nele thata, bojang bo nna bontsi mme balemi ba ka bo kgaola mme ba beele leruo.
O supile fa leruo le batla dijo tse di nang le dikotla tse di agang mmele le tse di fang maatla gore le kgone go oketsa letsalo le go tsamaya tsamaya le ya go nwa metsi kana le ya go batla dijo.
A re mo gongwe leuba le kgona go fitlhela morui a na le marole a le mantsi mme fa go sena dikotla a kgona go felela a tsenwa ke malwetse apo a babalelwa ke leuba.
Rre Badubi o ne a supa fa Botswana a na le mmakete kwa Europa mme fa leruo le babalelwa, itsholelo le yone e tlaa babalelwa.
A re go rua go botlhokwa fela thata ka go kgona go direla bangwe ditiro le go tokafatsa seemo sa itsholelo kwa dikgaolong.
Rre Badubi a re barui ba tshwanetse ba itse fa letlhoko la leruo le farologana.
O ne a fa sekai ka kgomo e e dusang a supa fa e tlhoka dikotla tse dintsi gore e kgone go tshola sentle le gore fa e sena go tshola e kgone go amusa namane dikotla tse di lekaneng.
O rotloeditse barui go bona botlhokwa jwa tse di salang mo ditshimong tsa bone mme ba di dirise sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya Khansele
Date : 23 Feb 2021



