Lekawana le bolaile mokapelo
23 Feb 2021
Mapodisi a Letlhakeng a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone lekawana la dingwaga tse masome a mabedi le bongwe le bolaileng mosetsana wa dingwaga tse lesome le borobabobedi kwa Ditshegwane.
Mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng, Superintendent Mogomotsi Kesupile, a re ka Tlhakole e le lesome le borobabongwe, lekawana leo le ne la latela mosetsana yoo kwa ga bone kwa a fetileng a kopa gore a mmuledise ba ye go buisanya.
Rre Kesupile o tlhalositse fa mmaagwe mosetsana a ne a kgalemela ngwana wa gagwe gore a seka a tsamaya le rre yoo ka ba santse ba na le kgang kwa kgotleng ya ditsheko, mme ka bofefo lekawana leo la ntsha sengwe se se bogale a tsatsanka mokapelo wa gagwe a bo a inaya naga.
Le fa go ntse jalo, mapodisi a ne a kgona go tshwara mmelaelwa.
Mogolwane o supile fa mosadi yoo a ne a ragosediwa kwa kokelong ya Scottish Livingstone kwa Molepolole kwa a neng a tlhokafala letsatsi le le latelang.
Supt Kesupile o supile fa mmelaelwa a ne a letetse tsheko kwa ntle ka molato wa go tshosetsa mosetsana yo a mmolaileng.
O tlhalositse fa rre yoo a ne a itshupile fa pele ga lekgotla ka Mosupologo, a tlhalosa fa a tlholega kwa Moshaweng fa moswi a tlholega kwa Kgare.
Supt Kesupile o kopile batsadi gore ba seka ba agisanya bana fa dikgang tsa bone di setse di le kwa kgotleng ya ditsheko a bo a kopa beng ba dikgang go tlogela mowa wa go di tsholola. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : DITSHEGWANE
Event : Potsolotso
Date : 23 Feb 2021



