Makhanselara a Kanye a kopa puso go oketsa ditlhabololo
21 Feb 2021
Mokhanselara wa Lotlhakane East, Pona Ntsimako, a re o tshwenngwa ke seemo sa borukutlhi kwa kgaolong ya gagwe.
Mokhanselara Ntsimako o buile jalo ka Laboroaro mo phuthegong ya khansele potlana ya Kanye.
A re keletso ya gagwe ke gore mapodisi a heogele letsatsi lotlhe le bosigo ka jaana borukutlhi bo gaketse kwa Lotlhakane East.
Mo go tse dingwe, mokhanselara Ntsimako o kopile gore kokelwana ya Lotlhakane East e rekelwe koloi ya bobedi gore bodiredi jwa botsogo bo kgone go tlhola balwetse ba ba okelwang kwa malwapeng.
Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Mme Gladys Lesang, ene a re sengwe se se tshwenyang ke matlo a badirela puso aa kwa kampeng e kgologolo.
A re matlo ao a magologolo, ka jalo a tshwanetse go ntshafadiwa.
Mme Lesang a re seemo se se ka baka gore badirela puso bangwe, ba bereke ba kotlometse maikutlo mme seo, se dirwa ke gore ba nna mo matlong a a sa itekanelang ga mmogo le go berekela mo matlotleng.
Mokhanselara Lesang a re go tshwanetse go dirwa sengwe ka dikago tsa khansele tse di onetseng mme go sa twe sepe ka tsone, a tlatsa ka gore dingwe tsa tsone di ne di kabo di tlhabolotswe go tshegetsa balwetse ba COVID-19.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Goo-Ruele, Mme Sinki Lephalale ene o supile gore Kanye o na le bothata jwa ditsela, morago ga go senngwa ke pula.
O tsweletse a re pula e sentse gape kwa malwapeng.
Mo lenaneong la go tsenya dipone mo mekgwatlheng, mokhanselara Nyorosi East, Kefentse Morake a re tumalano e ne le gore dipone di tsenngwe fela mo ditseleng tse di tlhabolotsweng bodilo ka ditena, mme a re le fa go ntse jalo, tsela e yang kwa ga Tautona wa pele, moswi Sir Ketumile Masire ga e a akarediwa mo go tse di tshwanetseng go tsenngwa dipone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : KANYE
Event : phuthego ya khansele
Date : 21 Feb 2021



