Breaking News

Khamphane ya FSG e butse mmoshara kwa Tsabong

21 Feb 2021

Mmoshara wa Funeral Service Group (FSG) o butswe kwa Tsabong morago ga kopo ya mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre Sam Brooks.

Mo pulong semmuso ya mmoshara oo ka Labone, Rre Brooks o ne a tlhalosa fa motho mongwe le mongwe a tshwanelwa ke go neelwa tlotla le serite fa a tlhokafetse.

O boletse fa a ne a buisanya le boeteledipele jwa FSG kwa  Gaborone gore e re ka jaana kgaolo ya gagwe e le bophara le palo ya batho ele ntsi, go tlhokega mmoshara wa bobedi go thusa o o ntseng o le teng.

O boletse fa madirelo ao a tsile ka nako ee maleba ka jaana mo nakong eno gona le mabaka a le mmalwa a a gomagometsang go nyeletsa setshaba sa Botswana a akaretsa dipolaano tsa baratani, COVID-19 le a mangwe.

E re ka jaana go na le letlhoko le ntsi la ditiro mo lefatsheng leno bogolo jang mo bananeng, Rre Brooks o ne a lebogela gore FSG e setse ebile e thapile banana bangwe ba kgaolo eo, selo se a reng se tlaa fokotsa tokofatsa matshelo a bone.

A re e re ka jaana letlhaku le lesha le agelwa mo go le legololo tsholofelo ke gore banana ba kgaolo eo ba ithute tiro mo go ba ba tlang le khamphane gore kwa bofelong ba ntshe maduo aa kgatlhisang mo go yone.

Mopalamente o boletse fa boeteledipele jwa madirelo a dimmoshara bo tshwanetse go tshwaragana le go dirisana le gone go amogela gore phadisano gareng ga bone e tshwanetse go nna teng go le kagiso.

Mogolwane wa FSG, Rre Duncan Banyatsi, o ne a bolela fa e tlhamilwe ka ngwaga wa 1993, mme e setse o butse makalana a le masome a mabedi, Tsabong a le mo teng le makalana a le lesome le boherabongwe aa go duelelwang ditirelo tsa diphitlho mo go one.

Rre Banyatsi o ne a tswelela ka go tlhalosa fa FSG e le dikhamphane tse di ikopantseng go thusa ka ditirelo tsa diphitlho tse di duelelwang kgwedi le kgwedi di akaretsa mmoshara, makesi, matlapa, ditirelo tsa letsatsi la phitlho le tse dingwe, a kaya fa ba setse ba ikadile lefatshe leno ka bophara.

A re ka jaana khamphane eo e setse e godile e butse gape madirelo kwa mafatsheng a sele a akaretsang Afrika Borwa, Zambia le Zimbabwe a re seo se thusa gape mo kgodisong ya itsholelo ka go gweba ka madi a mafatshe a sele mo Botswana.

Mothusa kgosi ya Tsabong, Rre Richard Toto o ne a phophotha legetla FSG ka jaanong e tlaa thusa e e ntseng e le teng a supa fa seo e le kgatelo pele.

A re se se itumedisang ke gore ditlhabololo tse dintsi di tsweletse ka go tshelegela mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa.

Mo potsolotsong, mogwebi mongwe yo e leng ene a simolotseng kgwebo ya mmoshara mo kgaolong eo, Mme Leentjie Decock o ne a supa fa a amogela ka diatla tsoopedi FSG ka e dira tiro e ntle ebile e le botlhokwa thata mo Batswaneng ka kakaretso.

Mme Dekock o ne a tlhalosa fa a tswa kgakala a wa a tsoga le batho ba kgaolo eo mo nakong tse di thata tsa kutlobotlhoko le bohutsana.

A re o ne a tshwanelwa ke gore a sekegele mongwe le mongwe tsebe go mo thusa ka fa a ka kgonang ka teng ka jaana batho ba sa lekane e se meno. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : pulong semmuso

Date : 21 Feb 2021