Breaking News

Ba rotloediwa go tsaya COVID-19 tsia

18 Feb 2021

Go tlhoka lefelo le balwetse ba COVID-19 ba tshegediwang mo go lone go tshwentse makhanselara a kgaolo-potlana ya Kanye. 

Makhanselara ba re go lebega COVID-19 e sa tsewe tsia mo kgaolong ya bone.

Fa a bua kwa bokopanong jwa khansele-potlana ya Kanye ka Laboraro, mokhanselara yo o itlhophetsweng, Mme Gladys Lesang o kopile modulasetilo wa khansele-potlana, Rre Simon Ramaphoi le ba ofisi ya ga molaodi go tsholetsa dinao le go fetola dikakanyo mabapi le maiteko a a dirwang go tsibogela COVID-19.

Mme Lesang a re go akanngwe gore balwetse ba COVID-19 ba ka bewa kae. 

A re mo nakong eno batho ba tshwarwa ka bolwetse jo, ba busediwa kwa malwapeng go ikokela teng, le go tlholwa ba sa tlholwe go fitlhelela bangwe ba bone ba tlhokafala ka jaana go sena lefelo le le faphegileng le ba ka tlmelwa ba le mo go lone.

Mme Lesang o a re dingwe tsa dikago tsa puso tse di onetseng e bile di sa dirisiwe, di ka bo di tlhabolotswe go tshegetsa balwetse ba COVID-19.

Mokhanselara wa kgotla ya Goo-Ruele, Mme Sinki Lephalale a re tsamaiso e e dirwang mabapi le segajaja jwa COVID-19 go lebega go sirelediwa bodiredi go na le go sireletsa setshaba mo bolwetseng jo. 

A re selo se ga se a siama, a tlatsa ka gor e go tshwanetse ga sirelediwa setshaba e seng bodiredi jaaka go ntse gompieno.

Fa a ntsha la gagwe, mokhanselara wa Nyorosi Botlhaba, Rre Kefentse Morake ene o ne a re COVID-19 e tlhasetse le bana kwa dikoleng, a tlatsa ka go re go ne go supilwe gore kokelwana ya Ebrahim le Merriam Dada mo Kanye ke yone e tlaa dirisiwang go faphela ba ba tshwerweng ka COVID-19.

Mokhanselara Morake a re ka go ne ga supega fa kokelwana e e sa kgone ke eng go sa lebelelwe se se e paledisang mme ga lekwa maano a mangwe gore batho ba kgone go thusiwa, go tila seemo sa nako eno se go busediwang balwetse kwa malwapeng go ya go ikokela teng.

Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Mme Pona Ntsimako ene o ne a re ba mo letshogong le le maswe mabapi le COVID-19, bogolo jang ba lebile sekole se segolwane sa Seepapitso se se nang le baithuti ba le bantsi. 

A re seemo seo se tlaa gakadiwa ke gore ba mophato wa bone ba ipaakanyetsa go bula dikole.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : Kanye

Event : Bokopano

Date : 18 Feb 2021