Mokento o tlaa simolola Mopitlo
18 Feb 2021
Puso e tlaa simolola kanamiso ya mokento wa itshireletso kgatlhanong le bolwetse jwa COVID-19 Mopitlo a le fagare. Tiro e, e tla digelwa pele ga ngwaga wa 2021 o ya bokhutlong.
Se se tlhalositswe ke tona wa botsogo le boitekanelo, Dr Edwin Dikoloti fa a lekodisa setshaba ka bolwetse jwa COVID-19 le lenaneo la go batla mekento ya itshireletso.
O tlhalositse fa nako e e tlhomameng ya kanamiso ya mekento e tlaa laolwa ke ba Botswana a rekang melemo kwa go bone.
A re maikaelelo ke gore thulaganyo ya go kenta e akaretse botlhe ba ba nnang mo Botswana le baagedi tota.
Dr Dikoloti a re lenaneo le le tletseng la kanamiso ya mekento le mo diatleng tsa komiti e e faphegileng ya Inter-Agency Coordination Committee (ICC), e e tsamaisiwang ke lephata la botsogo.
O tlhalositse fa go fitlha mo nakong eno, puso e kgonne go bona ditsela tse di farologanyeng tsa go batla melemo, ka jalo e duetse US$10 million go bona melemo mo makalaneng a a farologaneng.
A re go beeleditswe molemo o o ka lekanang badiredi ba ba eteletseng pele ntwa kgatlhanong le bolwetse mo lekalaneng la COVAX, mme go setse go duetswe US$2.9 million.
A re Botswana o setse a duetse US$7.01 million mo lekalaneng la theko ya mekento la lekgotla la mafatshe a Africa (African Vaccine Acquisition Task Team (AVATT).
Dr Dikoloti a re puso e tsweletse gape ka go buisanya le ba ba ka kgonang go e ema nokeng ka madi le didirisiwa tse dingwe, go wetsa tiro e e botlhokwa e.
A re puso e tsweletse gape ka go itshwaraganya le ba ba dirang melemo, go tlhomamisa gore mongwe le mongwe mo lefatsheng leno o bona mokento ka fa go tshwanetseng ka teng kwa ntle ga tiego.
O tsweletse ka go tlhalosa fa lenaneo la go anamisa mokento mo setshabeng le tlaa anamisiwa ka go latelelana gararo.
A re legato la ntlha le tlaa bo le itebagantse le go nonotsha ditirelo tsa botsogo, le go fokotsa dipalo tsa bolwetse le dintsho.
Se se raya gore go tlaa simololwa ka bodiredi jo bo eteletseng pele tshireletso ya setshaba; baoki, mapodisi, masole jalojalo, le ditirelo tsa botlhokwa ga mmogo le ba ditlhopha tse di nang le makowa a a dirang gore ba gatelelwe ke bolwetse thata.
A re legato la bobedi le tlaa bo le itebagantse le mehama ya tsosoloso ya itsholelo.
Se se tlaa akaretsa bodiredi jwa dikgwebo, gore go seka ga ama maduo a bone ka tsela e e ka ba busetsang kwa morago go bo go baya setshaba ka fa mosing.
Legato la boraro lone le akaretsa setshaba sotlhe se se tlaa bong se sa kentwa.
Tona Dikoloti o tlhalositse fa P164 million a setse a seegetswe fa thoko go tsamaisa thulaganyo ya mokento.
Thulaganyo e, a re e akaretsa go rulaganya le go baakanya tsotlhe tse di tlhokegang jaaka go tsisa ditlamelo, melaetsa le thuto ka mokento, le go baakanyetsa ka fa matlakala a tlaa latlhwang ka teng.
Le fa go ntse jalo, o tsibositse setshaba fa mokento es e kalafi, ka jalo a gwetlha setshaba go tswelela ka go ipabalela le go thibela kanamo ya bolwetse jwa COVID-19. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Thato Mosinyi
Location : Gaborone
Event : Tekodiso
Date : 18 Feb 2021



