Mosadi wa Lokgwabe o thusa mapodisi ka ditlhotlhomiso
16 Feb 2021
Mme mongwe yo o dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le bone go ya kwa go tse di masome a mararo kwa Lokgwabe o thusa mapodisi ka ditlhotlhomiso morago ga go tshwarwa ka dipodi di le lesome tse go belaelwang e le tsa bogodu.
Mo potsolotsong le BOPA, mookamela mapodisi a Tshane, Superintendent Vusimuzi Jorowe o tlhalositse fa tiragalo eo, e diragetseng bosheng morago ga gore banni bangwe ba ikuele kwa lekgotleng la Setswana la Lokgwabe, fa ba amogilwe dipodi mme e bile go na le monahune wa gore mmelaelwa ke mang.
A re ba ne ba latedisa motlhala wa dipodi tseo, mme tsa felela di begwa kwa mmarakeng wa thekiso ya leruo kwa Kang.
Supt Jorowe a re ka lesego dipodi tseo, di ne tsa begwa jalo di ise di tlhajwe, mme ba sepodisi ba kgona go ikgolaganya le beng ba marekisetso go emisa thekiso ya tsone.
O tlhalositse fa bangongoregi ba ne ba kopiwa go ya go di bona mme ba feta ba tlhomamisa fa ka boammaaruri e le tsa bone ka matshwao le mebala e ba e begileng kwa lekgotleng.
A re mo palong eo, di supa go ne go bonala fa e le tsa ga rakgadiagwe mmelaelwa fa tse tharo tsone e le tsa moagisanyi wa mmelaelwa.
Supt Jorowe a re mo tiragalo eo, mmelaelwa o ne a se nosi ka jaana go belaesega gore o ne a kopanetse tiro eo le monna mongwe wa dingwaga tse di fa gare ga masome mabedi le botlhano go ya kwa go tse di masome mararo le botlhano.
Le fa go ntse jalo, Rre Jorowe, a re ke tiragalo ya ntlha go nna le kgang ya mohuta o, e e amanyanang motho wa mme le bogodu jwa dihutshane.
O ne a rotloetsa barui ba dihutshane gore ba tlhomamise gore dihutshane tsa bone di tsentswe manyena le gone go re matshwao a ditsebe le a dirilwe.
A re go dira jalo, go ka thusa go hema dikgang tsa bogodu jwa dihutshane.
O ne a tlatsa ka go gwetlha barua-kgomo le bone go re ba tshwae dinamane tsa bone ka ditshipi ka jaana bogodu jwa leruo bo ile magoletsa mo kgaolong ya Kgalagadi Bokone.
A re ba itemogetse gore barui bangwe ba maoto a tshupa go etela masaka a bone mme a re seo, se rotloetsa magodu go ipagololela mogodu mo leruong la bone ka ntlha ya gore ga ba tlhokomele leruo la bone ka fa tshwanelong.
Supt Jorowe o ne a tlhalosa fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse, mme fa di wela, babelaelwa ba tlaa isiwa fa pele ga lekgotla la Setswana la Lokgwabe go ya go arabela molato wa boogodu jwa loruo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : Hukuntsi
Event : Potsolotso
Date : 16 Feb 2021



