Maduo a Kgalagadi a tokafetse
16 Feb 2021
Mookamedi wa lephata la thuto mo Kgalagadi Mme Maipelo Kesenye a re maduo a ditlhatlhobo tsa mophato wa boraro a ngogola mo Kgalagadi a tokafetse fa a tshwantshanngwa le a ngwagatlola.
Mme Kesenye a re maduo a kgaolo e, a tokafetse ka selekanyo sa bone mo lekgolong.
Mo potsolotsong, Mme Kesenye o tlhalositse gore ka 2019 mophato wa boraro e ne le 21.84 per cent wa ba ba tsereng A, B le C mme a tokafetse ka 2020 ka 25.91 per cent.
Mme Kesenye a re mo kgaolong eo, bana ga ba dire sentle mo ditlhatlhobong tsa makgaolakgang ka mabaka a a farologanyeng.
Le fa go ntse jalo, a re maikaelelo a bone ke go tokafatsa seemo se. Mme Kesenye a re se se dirileng gore maduo a ngogola a tokafale ke gore ba ne ba dira thulaganyo ya go re morutabana mongwe le mongwe a tsee boikarabelo jwa maduo a baithuti ba gagwe.
A rego ne ga dirwa gore morutabana mongwe le mongwe a tlhalose mabaka a a dirang gore setlhopha se a se rutang se wele tlase, a tlatsa ka go re ba ba dirileng sentle le bone ba ne ba tlhalosa gore ba kgonne jang.
Mme Kesenye a re go botlhokwa go itsaya motlhala nako le nako go bona gore go ka tokafadiwa fa kae.
Gape a re ofisi ya lephata la thuto mo kgaolong eo, e fa dikole thotloetso ka go di etela kgapetsakgapetsa.
O ne a tlhalosa fa ba ne ba seka ba ipona tsapa le fa segajaja sa COVID-19 e nnile sekgoreletsi mme ba dirisitse methale e e farolonyeng jaaka tiriso ya boranyane go ruta bana.
A tlhalositse gore ka nako ya kiletso mesepele, go thibela kanamo ya mogare wa corona, baithuti ba ne ba fiwa tiro go ithutuntsha ba le kwa malwapeng, mme ba golagana le barutabana ka tiriso ya maranyane.
Mo kgaolong ya Kgalagadi, sekole sa Tsabong Unified Secondary School se itlhomile kwa pele, mme mo leftahseng ka bophara se tsere maemo a 128 mo dikoleng tsotlhe tse di 209.
Mme Kesenye a re maikaelelo ke go tshwara ka thata mono ngwaga go tswelela ka go tokafatsa maduo mo kgaolong eo.
Mogokgo wa sekole sa Tsabong Unified Secondary School, Rre Siamisang Mokgolodi a re o bereka ka natla le go gagamaletsa baithuti le barutabana setoropo go thusitse thata mo go reng maduo a nne botoka.
Rre Mokgolodi a re sengwe se se neng se tshwenya ke go re barutabana bangwe ba ne ba ratana le baithuti, ka jalo seo sa tsala kgwetlho ya gore baithuti bangwe ba ne ba sa kgalemesege ka jalo ba sena nako ya go ithuta.
A re barutabana le bone ba ne ba gakololwa go sala morago tsamaiso ya phiro.
Rre Mokgolodi o supile gape gore sekole seo se ne se tlhaelelwa ke barutabana, ka jalo go kajwa ga diphatlha tse di neng di le teng go ne ga dira gore go rutwa ga bana go tokafale.
“Ke itumelela gore ka bonya ka bonya seemo se a tokafala,” ga tlhalosa Rre Mokgolodi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Tsabong
Event : Potsolotso
Date : 16 Feb 2021



