Breaking News

Mothusa tona o akgolela DHMT go agela bana ntlo

15 Feb 2021

Mothusa Tona wa Lephata la Botsogo le Boitekanelo, Rre Sethomo Lelatisitswe o akgoletse bodiredi jwa sepatela sa Sefhare jo bo ka fa tlase ga Mahalapye DHMT, go agela bana ba le bane ba ba latlhegetsweng ke batsadi ntlo kwa Sefhare.

Ntlo e, e na le dikamore tse pedi tsa borobalo, kamore ya boapeelo, boitapolosa le ya botlhapelo, ga mmogo le ntlwana ya boitiketso. E bile gape ntlo e, e goketswe motlakase le metsi.

Fa a bula ntlo eo semmuso kwa Sefhare, Mothusa Tona Lelatisitswe o ne a re o ikutlwa a le motlotlo, ka ntata ya tiro e tona e e dirilweng ke bodiredi jwa lephata la gagwe.

A re lelwapa lorra Ntopi le neetswe seriti, ka go na le kwa ba latsang tlhogo teng. 

Rre Lelatisitswe o ne a leboga botlhe ba ba tsentseng letsogo mo kagong ya ntlo eo, go fitlhelela maitlamo a bone a atlega. 

A re batsadi ba bana ba, ba ba tlogetse ba santse ba le bannye, mme ba tlhoka tlhokomelo gore ba atlege kwa dikoleng.

Mopalamente wa Sefhare-Ramokgonami, Dr Kesitegile Gobotswang o ne a re o itumediswa ke kemo-nokeng ya DHMT, mme se se tshwanetse sa gwetlha maphata a mangwe go ema ka dinao go thusa tshaba ya Botswana ka puso e ka seke e  kgone e le nosi.

Moeteledipele wa Mahalapye DHMT, Dr Kagiso Tshegetsang o ne a leboga baithaopi le botlhe ba ba supileng mowa wa lorato le bopelotlhomogi, ba eteletswe pele ke bodiredi jwa sepatela sa Sefhare mo tirong e ntle e. 

A re mpho e, e tsile ka nako e e maleba e segajaja sa COVID-19 se apereng lefatshe ka bophara, a re ka jalo ntlo e tlaa thusa gore bana ba kgone go sala ditaelo tsa ba botsogo morago, ka ba tlaa bo ba sa kgotlhagana mo kamoreng e le nngwe fela.

Rre Caslis Madiabaso o ne a tlhalosa fa ba gwetlhegile go thusa lelwapa le ka 2015, ba lebile matshego le dipilara tsa Vision 2036, ka maikaelelo a go batla go fa bana seriti gore ba nne le bonno gape ba ipone ba tshwana le bana botllhe.

O ne a re bone jaaka e le ba botsogo ba tshwanetse go lomagana le setshaba go thusa bana ka go ba inola mo lehumeng e seng go lebagana le tsa botsogo fela.

Motlhokomedi wa bana, Mme Goitseng Ntopi o ne a leboga lephata la botsogo go menagane e bile a supa fa ba ba inotse mo lehumeng. 

O ne a re go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang. 

“Ke le eleletsa masego le matlhogonolo mo matshelong a lona,” ga bua Mme Ntopi.

Rre Lelatisitswe o ne a rekela ba lelwapa la ga Mme Ntopi motlakase wa P1 000 gore bana ba ba seka ba kgorelediwa ke sepe fa go tla nako ya gore ba bale, ka a eletsa fa ba ka dira sentle mo dithutong tsa bone. 

Dr Gobotswang ene o ne abela bana ba dikobo di le nne. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Segojame Ikgopoleng

Location : Sefhare

Event : Kabo dimpho

Date : 15 Feb 2021