Ba Mabeleapodi ba rola mokgatlho
15 Feb 2021
Rre Phenyo Moalosi wa Serowe, yo o tlogetseng tiro ya sepodisi ntateng ya bogodi o kopile maloko a mokgatlho wa Matsosangwao Heritage Group kwa Mabeleapodi go dira ka natla go fitlhelela maikaelelo a bone.
Mokgatlho o, o itebagantse le go tsosolosa ngwao le go lwantsha kgokgontsho ya bong.
Fa a bua kwa letsatsing la go rola mokgatlho oo semmuso ka Labotlhano, a re mokgatlho wa Matsosangwao maikaelelo a one ke go sologela banni molemo, ka jalo go tlhoka tshwaragano ya maloko a go dira tiro ya one.
O ne a kopa boeteledipele jwa motse go ema mokgatlho nokeng gore o dire maikaelelo a one.
O ne a supa fa dikgosi di le nosi di ka seka tsa kgona tiro ya go lwantsha kgokgontsho.
A re Matsosangwao a mo tseleng e e maleba ya go busetsa ngwao e bile ka fa letlhakoreng le lengwe ba lwantsha kgokgontsho, ka jalo o dira se lefatshe leno le lwantshanang le sone.
O supile fa kgokgontsho, bogolo jang ya bong, e tshwenya e bile e beile bomme ka fa mosing.
A re mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go nna ka tshosologo le go tshela mme go na le bangwe, bogolo jang borre ba ba rontshang ba bangwe tshwanelo eo.
A re borre ba setse ba iphetotse dira mo go bomme le bana ba basetsana mo e bileng ba setse ba tshajwa, ba lejwa jaaka batho ba ba borai ntswa e kabo e le bone basireletsi.
Rre Moalosi o ne a kopa batsadi go emisa go buela dikgang tsa kgokgontsho mo sephiring mme e le dikgang tse di kabong di begelwa mapodisi gore di tseelwe kgato.
A re kgokgontsho e e buelwang mo sephiring e felela go na le ditumelano dingwe mme go dira jalo go felele go baya ngwana wa mosetsana ka fa mosing mme go nne le di-tla morago tse di sa mo siamelang.
O ikuetse mo batsading ba Mabeleapodi go letlelela mokgatlho wa Matsosangwao go thusa mo go tsa kgokgontsho le go dirisanya le maloko a one go thusa.
A re fela jaaka maikaelelo a mokgatlho wa Matsosangwao o bua, ke nako ya gore go boelwe kwa ngwaong ka e kgona go aga setshaba e bile e ka kgona go emisa kgokgontsho.
Mongwe wa banni ba Mabeleapodi, Rre Gaobuse Mogaetsho o ne a rotloetsa banni go ema nokeng mokgatlho oo go thusa maikaelelo a one.
O kopile batsadi go tlhokomela metsamao ya bana, bogolo jang ba basetsana, a kaya fa tlhokomelo ya ngwana e mmetlela botshelo jo bo siameng ka a bontshiwa ditsela tse di molemo tsa botshelo.
A re motsadi mongwe le mongwe o tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa gore a nne motsadi wa ngwana mongwe le mongwe mme a seka a leba fela dilo di tswa mo tseleng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Mabeleapodi
Event : Bokopano
Date : 15 Feb 2021