Breaking News

Lelatisitswe o akgola kompone ya Lucara

14 Feb 2021

 Mothusa tona wa botsogo le boitekanelo gape e le mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe, o akgoletse kompone ya Lucara Botswana le dikompone tse di direlang mo kgaolong eo tiro e ntle e di e dirang ya go tlhabolola Boteti.

E rile a bula semmuso matlwana a boitiketso a setshaba le dimausu mo Letlhakane ka Labone, Rre Lelatisitswe a leboga dikompone tse a reng di arabile letlhoko le legolo la banni ba Letlhakane ka jaana go ne go sena matlwana a boitiketso a setshaba kwa marekisetsong.

O tlhalosiste fa se, e ntse e le kgwetlho e tona mo setshabeng, bogolo jang fa ba  ile marekisitsong.

A re ka jalo banni ba tlaa itumelela ditlamelo tse gape ba tlaa phuthuloga fa ba ile marekisetsong.

Le fa go ntse jalo, Rre Lelatisitswe o ne a gakolola badirelapuso gore fa dikompone di batla go tsisa ditlamelo ba ba thuse ka bofefo mo go tse ditlhokafalang.

O ne a gakolola komiti ya ditlhabololo tsa motse go netefatsa gore matlwana ao, a dirisiwa sentle e bile a nna a le phepa ka dinako tshotlhe.

Rre Lelatisitswe a re Letlhakane ke motse setoropo, ka jalo o tlhoka ditlhabololo tse di tseneletseng, a kopa bagolwane go ba akanyetsa ka seemo sa ditsela le kgopho ya metsi a pula mo motseng fa dipula di na.

E rile a tswa la gagwe, mogolwane wa tsa merero ya setshaba wa kompone ya Lucara, Rre Ewetse Mathaba a re ba agile matlwana le dimausu tse tharo ka P955 000 ka lenaneo la bone la go thusa setshaba.

Rre Mathaba a re ba dirile jaana  ba tshwaragane  le dikompone tse di direlang mo go bone di akaretsa Dream Choice, Medupi Plant Hire le Troulop.

Modulasetilo wa khansele ya legare yo gape e leng mokhanselara wa Letlhakane Botlhaba, Rre Ketshwereng Galeragwe o ne a leboga dikompone tseo, a solofetsa fa khansele e tlaa tlhokomela tshotlhe tse ba di abetsweng.

Rre Galeragwe a re lefelo le, le tlaa solegela banni molemo.

O ne a kopa kompone ya Lucara go tswelela e thusa go dira ditlhabololo mo motseng wa bone.

O ne gape a lelela mo go bone gore ba ba thuse ka seemo sa ditsela le kgopho ya metsi mo motseng.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Letlhakane

Event : Pulo semmuso

Date : 14 Feb 2021