Constance a dira diaba mo ditlhatlhobong
14 Feb 2021
Moithuti wa pele wa sekole sa Magare kwa Nkange kwa kgaolong-potlana ya Tutume, Constance Rama ke mongwe wa ba ba lesome le bongwe ba ba pasitseng ditlhatlhobo tsa lekwalo la boraro ka Merit.
Constance, yo o dingwaga di lesome le bosupa, o boleletse BOPA gore le fa go ne go se motlhofo ntateng ya mogare wa corona, o ne a itsolopanya, a felela a pasitse ka bo A ba supa le bo B ba le babedi.
A re o simolotse go ipaakanya fela fa a simolola mophato wa ntlha kwa Magare, ka go bala le go kopa thuso mo barutabaneng.
O boletse fa e rile ka nako ya kiletso metsamao go thibela kanamo ya mogare wa corona ngogola, a tswelela ka go ithuta a le kwa lwapeng, ka go sala morago lenaneo la sekole.
A re thotloetso ya batsadi ba gagwe le mogolowe di ne tsa dira gore a tlhoafalele dithuto.
O boletse fa seemo sa mo lwapeng lo a tswang mo go lone se nnile le seabe mo go tlhoafaleleng tiro ya gagwe ya sekole ka go batla go dira pharologanyo mo botshelong jwa batsadi ba gagwe le gore a tsoge a itshetsa ka mofufutso wa phatla.
Constance a re sephiri sa gagwe se se tona go bo a kgonne go fenya ditlhatlhobo ke go itshegela tema ka go rulaganya tiro ya gagwe ya sekole le go kopa thuso mo barutabaneng.
A re o rata go amogana kitso le baithuti ka go dira jalo go dira gore ba kgone go tlhaloganya dilo dingwe motlhofo go na le fa ba tlhalosediwa ke barutabana.
O gwetlhile baithuti ba bangwe go tlhoafalela dithuto le go nna ba kopa thuso fa ba sa tlhaloganyeng teng.
Mogokgo, Rre Kgopotso Mphuthe a re sekole sa gagwe se tswa kgakala se ntsha moithuti yo o dirileng botoka thata mo ditlhatlhobong.
Rre Mphuthe a re ka 2018, ba ne ba nna le sekgantshwane sa moithuti yo o neng a fenya ditlhatlhobo ka Merit.
A re seo se supa tshwaragano ya batsadi le barutabana.
O kaile fa Constance e le ngwana yo o reetsang, a nyoretswe thuto gape a le maitseo.
Rre Mphuthe o lebogetse kemonokeng ya batsadi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Tutume
Event : Potsolotso
Date : 14 Feb 2021