Ba Mahalapye ba tlhagisiwa ka ditlou
14 Feb 2021
Mogolwane wa lephata la di-tsa tlholego le makgabisanaga mo Mahalapye, Rre Molefi Mothomedi o tlhagisitse banni ba kgaolo e, go ipabalela mo ditloung tse di bonweng mo kgaolong go tloga Tlhakole a rogwa.
Mo potsolosong ka Labotlhano, Rre Mothomedi o tlhalositse fa ditlou tse pedi tse, tsa dipoo, di simolotse go bonwa pele kwa masimong a Tobela.
O tlhalositse fa e rile ka Labone ba begelwa fa ditlou tseo di bonwe kwa motseng wa Mmutlane, mme e rile motshegare ka nako ya bongwe ke fa di begwa di le kwa Kalamare.
A re ba ne ba retelelwa ke go laola motsamao wa ditlou tseo, ka bonako gore di boele kwa Central Kalahari Game Reserve (CKGR), ka e le lone lefelo le le gaufi le di ka tswang kwa go lone.
O ne a tlhalosa gape gore ka pula e ne e nele thata, koloi e e neng e rometswe go di sala morago gore e di gatelele e ne ya tshwarwa ke seretse, a tlatsa ka go re le dikoloi tse di neng di e latetse gore di ye go e ntsha mo seretseng, le tsone tsa tshwara ke seretse.
A re se se raya gore ditlou tse, di ka nna tsa felela di itsamaela fela ka ba retelelwa ke go tsamaya mo sekgweng sa teng ka dikoloi ka seretse se sentsi..
Rre Mothomedi a re maikaelelo a bone ke gore ba di laole ba di busetse kwa CKGR ka ba dumela gore di tswa teng.
A re tlou ke phologolo e e ratang sukiri, ka jalo ba belaela di okelwa mo kgaolong ke ntshe le magapu mo masimo, ga mmogo le morula.
Ka jalo, o kopile banni go iphemela mo ditloung tse fa ba ka kopana le tsone, ka go netefatsa gore ga ba di saeletse dintsa kgotsa ga ba di tsosetse modumo.
O gakolotse balemi go gokelela ditlololoko tsa dikgomo tse di tona mo dikhoneng tsa ditshimo tsa bone ka terata e telele.
Fa di utlwa modumo o di tlaa tsamaela kgakala.
Rre Mothomedi o supile gape gore bosheng ba ne gape ba utlwalela ditlou tse dingwe mantlheng a kwa Kodibeleng.
A re tsone ba ne ba kgona go kopa badiri ka bone gore ba di laole di boele kwa CKGR.
A re tsholofelo ke gore ditlou tse di tlaa boela kwa CKGR, a tlatsa ka go re ngwaga le ngwaga di nna di bonala mo kgaolong ya Mahalapye di okwa ke morula, gammogo le ntshe le magapu. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : Mahalapye
Event : Potsolotso
Date : 14 Feb 2021