Breaking News

Ba lela ka ditonki tse di sailang

11 Feb 2021

Banni ba Mbalambi kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba re ga ba robadiwe ke ditonki tse di sailang mo motseng.

Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Bernard Mbalambi, o tlhalosiste fa beng ba ditonki ba sa di tlhokomele, ka jalo di felela di saila.

 A re ditonki, jaaka leruo lepe fela, di tshwanetse go tlhatlhelwa, go itsa tshenyo e di e dirang mo malwapeng.

Kgosi Mbalambi a re ditonki di tlatsa leswe kwa mapakong a go orelwang molelo kwa kgotleng, a tlatsa ka gore ba setse ba kile ba kopana le morafe go ba kopa gore ba tlhokomele leruo, segolo bogolo ditonki, mme go sa tswa maduo ape.

Kgosi Mbalambi o tlhalositse fa ditonki gape di ka baka dikotsi tsa tsela. 

Mo go tse dingwe, o kopile balemi go agelela masimo a bone go itsa gore leruo le tlhagele, a tlatsa ka gore go le gantsi dikgang di nna dintsi ka nako ya temo, ka go bo batho ba sa tlhokomele di tsa bone.

O buile fa a kgotsofaletse temo ya monongwaga, a supa fa batho ba santse ba tsweletse ka go lema.

Kgosi Mbalambi o ne a tsibosa balemi go itlhaganelela go roba, go itsa tshenyo e e ka bakwang ke ditlou, ka wa Mbalambi e le mongwe wa metse e ditlou di e etelang ngwaga le ngwaga, go nwa metsi le go ja dijwalo mo masimong.

A re mo nakong ya gompieno, ditlou ga di tle mo motseng ka lefatshe le santse le le bokgola, ka ntlha ya dipula tsa matsorotsoro. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : MBALAMBI

Event : Potsolotso

Date : 11 Feb 2021