Pula e e mashetla e sentse ditsela kwa Sekakangwe
10 Feb 2021
Pula ee mashetla e bakile tshenyo mo ditseleng kwa Sekakangwe kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba.
Kgosi Boitshepo Maselwa wa Sekakangwe o boletse gore tsela e e gokaganyang Kalakamati le Mbalambi e mo seemong se se ngomolang pelo ka ntlha ya pula.
O supile fa tsela e ka nna diphatsa mo go bomme ba ba itsholofetseng ka kokelwana ya Sekakangwe e le yone e belegisang ba ba tswang kwa Gungwe, Mbalambi le Kalakamati.
Kgosi Maselwa a re bomme ba ba itsholofetseng ba tlhoka go kgweediwa mo go haphegileng mme gape go tlama gore fa ba le mo ditlhabing, go potlakelwe gore ba goroge kwa kokelwaneng.
A re tsela e botlhokwa mo matshelong ka e gokaganya banni le ditlamelo.
O kopile lephata la ditsela go kgabolela kwa metseng e e senang sekontere go tswa kwa Zwenshambe go ya Kalakamati, go sekaseka gore a ditsela di mo seemong se se amogelesegang.
A re tsela e, e botlhokwa thata ka bana ba sekole se segolwane sa Maenjane se se kwa Sekakangwe ba tsamaya mo go yone phakela le phakela go tswa Kalakamati le Mbalambi.
Kgosi Maselwa o tlhalositse fa dikhombi tse di ntseng di rwala bana ba sekole di setse di senyegile ntateng ya dikhuti le mesele e a kopileng gore lephata la ditsela le potlakele go di thiba fa pula e sena go kgaotsa.
Kgosi o lebogile banni ba Sekakangwe go bo ba tsweletse ka go tshegetsa melawana ya COVID-19.
A re ga go ise go nne le dikgang dipe tsa ba ba robang melawana rwala ka banni ba rwala dthiba molomo ebile ba sa kgobokane.
A re borukutlhi ga bo yo kwa Sekakangwe banni ba tshela ka Kagiso le tirisano mmogo le sepodise. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : SEKAKANGWE
Event : Phuthego
Date : 10 Feb 2021