Breaking News

Banni ba Tshimoyapula ba tlhagisiwa ka seemo sa molapo

11 Feb 2021

 Mogolwane wa mapodisi kwa Serowe, Superintendent Poloko Oteng, o tsibositse banni ba Tshimoyapula ka bodiphatsa jwa molapo o o ralalang motse.

Molapo oo o thaegile morago ga pula ee mashetla mme ya re fa pula e ntse e na mo dingwageng wa oketsega ka bonya ka bonya. Jaanong molapo o setse o le boteng.

Superintendent Oteng a re pula ya bosheng e supile fa molapo oo o le borai, ka jalo banni ba tshwanetse go nna kelotlhoko bogolo jang fa o na le metsi.

A re molapo o setse o atametse kokelwana le malwapa mangwe mme a kopa banni go tlhokomela metsamao ya bana.

Mo go tse dingwe, Superintendent Oteng o supile fa pula ee tsweletseng ka go na e ne ya senya borogo jo bo mo tseleng e e tshwaraganyang Serowe, Thabala le Mogorosi.

A re borogo joo bo tswetswe ke lephata la ditsela ka fa letlhakoreng le lengwe mme bo dirisiwa mo go le lengwe. 

O kopile bakgweetsi go dirisanya sentle ka neelano.

O tsibositse ba dikoloi tsa megobagoba go sa dirise borogo joo ka bo ka tswa bo sa nonofa.

A re setshaba se tshwanetse go nna kelotlhoko ka nako tsotlhe.

Superintendent Oteng o kopile setshaba go begela mapodisi ka sepe se se borai gore ba tsiboge nako e sa le teng.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : TSHIMOYAPULA

Event : Phuthego

Date : 11 Feb 2021