Breaking News

Bonno bo fa motho seriti

10 Feb 2021

Mothusa modulasetilo wa khansele potlana ya Mahalapye, Rre Thebe Setlalekgosi, a re go nna le bonno go fa motho seriti.

Rre Setlalekgosi o buile se kwa pulong semmuso ya ntlo ya ga Rre Benny Ramagwana kwa kgotleng ya Boseja kwa Mahalapye bosheng.

O lebogile botlhe ba ba nnileng le seabe go thusa Rre Ramagwana.

Mokhanselara wa kgaolo ya Boseja/Flowertown, Rre Tumelo Koolekanye, o supile fa Rre Ramagwana a ne a nna mo tanteng, mme ba itlama go mo agela.

A re o ne a bereka le Rre Anil Tiwari wa marekisetso a Botsalano Hardware le Vision Technologies ga mmogo le banni ba Boseja go thusa Rre Ramagwana.

Rre Koolekanye a re maikaelelo ke gore kgwedi le kgwedi ba thuse mongwe mo kgaolong ya bone ka go mo gokelela metsi, go thusa go feleletsa matlo le go aga matlo a boitiketso.

O kopile dikhamphane go nna le seabe go thusa mo metseng.

A re puso e dirisa madi a mantsi go tlamela ba ba amilweng ke mogare wa corona, jalo go le botlhokwa go fokotsa morwalo o puso e o rweleng.

Rre Tiware a re o tswa kgakala a eletsa go nna le karolo mo setshabeng ka go thusa batho ba bangwe.

A re o tlaa tswelela ka go bereka le mokhanselera wa kgaolo go thusa setshaba.

Fa a leboga, Rre Ramagwana yo o dingwaga di 56 o lebogetse mpho mme a supa fa a tlhoka gape pompo le ntlwana ya boiteketso ka gore ke dilo tse di botlhokwa tsa botsogo bogolo jang mo nakong ya segajaja sa COVID-19.

Mokhanselara wa kgotla ya Tshikinyega, Rre Orelebile Baatweng, o kopile setshaba go rotloetsa madirelo a Botsalano Hardware le Vision Technologies ka mong wa one a supa tirisano mmogo le setshaba.

Rre Baatweng a re letsholo la go thusa puso le tsweletse, a supa fa le bone mo kgaolong ba tsweletse ka go thusa ba ba tlhokileng lesego.

Rre Setlalekgosi o ne a solofetsa go gokelela Rre Ramangwana, metsi fa Rre Tiwari a solofeditse lebone le le dirisang marang a letsatsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Pulamoeng

Location : MAHALAPYE

Event : pulong semmuso ya ntlo

Date : 10 Feb 2021