Breaking News

Makgomane a bogadi bo gaufi

09 Feb 2021

Temo ya makgomane e bogadi gaufi e bile e na le bokgoni jwa go direla molemi madi.

Mafoko a, a builwe ke Rre Kelepile Keolebogile yo o lemang kwa Kgoro kwa kgaolong ya Borwa.

Rre Keolebogile a re o motlotlo go bo a simolotse go loma kgwedi eno e simolola.

A re o sale a jwala makgomane ngwaga oo fetileng ka kgwedi ya Ngwanatsele.

O tlhalositse fa makgomane a se dingalo e bile a sa tseye lebaka go ntsha dijo le gone gore a kgona go itsetsepela le fa pula e le boutsana.

Ka jalo o ne a gakolola balemi go ikanya makgomane ka a kgona go itshegetsa mo seemong sa loapi e bile ba ka akola go le go ntsi mo temong ya one.

A re ngwaga le ngwaga o lema makgomane, mme a supa fa ngwaga ono e le oo haphegileng ka o bonye thobo e e botoka go gaisa dingwaga tse dingwe.

Rre Keolebogile a re ngwaga o, balemi ba le bantsi ba tsile kwa go ene ba mmotsa thata ka temo e ya makgomane. 

O tlhalositse fa bontsi bo lema mmidi, nche le tse dingwe mme ba sa leme makgomane thata.

A re o solofela fa ba le bantsi ba tlaa simolola go a lema ka ba lemogile ka ene gore ga a na tiro e ntsi le gone gore le fa pula e le boutsana a kgona go emelelana le seemo se.

O ne a rotloetsa banana go ema ka dinao go inaakanaya le temo ka e bile ba aparetswe thata ke letlhoko la ditiro.

O re o dumela gore le ba ba sa diriseng masimo ba ka dira madi ka go adimana masimo, ka e bile go na le masimo a le mantsi aa sa dirisiweng ke beng.

Rre Keolebogile o ne a tlhalosa fa monongwaga a ne a dirisa tshimo e a e adimilweng mme a tlhalosa gore se a se robang o se kgaogana le ba ba mo adimileng masimo.

A re go adimana masimo go motlhofo ka ba bogosi le bone ba ka go supela le gone go thusa ka ditumalano.

O ne a tlhalosa gape fa a dira madi a fetang makgolo a mabedi ka letsatsi ka makgomane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : KGORO

Event : Posolotso

Date : 09 Feb 2021