Pula e bakile tshenyo kwa kgaolong ya Letlhakeng
09 Feb 2021
Molaodi wa kgaolo potlana ya Letlhakeng, Mme Ikgopoleng Lekoape, a re pula ee tsweletseng ka go na e bakile tshenyo mo metseng mengwe ya kgaolo eo.
O boletse mo potsolosong ka Mosupologo gore ka Labotlhano ba ne ba thusa malwapa a le maratato kwa Moshaweng le Monwane ka jaana matlo a ne a digilwe ke pula.
Mme Lekoape a re bosheng jaana ba sa tswa go ntsha dithuso tsa ditante go thusa malwapa a le supa kwa a Salajwe.
O ne a supa fa malwapa a le lesome le bosupa kwa Sorilatholo le one a tlhoka thuso ya ditante.
Molaodi a re ba eme ka dinao go thusa malwapa ao ka ditante le dijo ka jaana ba senyegetswe ke dithoto.
O ne a tlatsa ka gore bontsi jwa matlo a a wang e le a a agilweng ka mmu mme seo se raya gore fa pula e nna ntsi mmu o imelwa ke metsi mme ntlo e felele e gosomana.
Mme Lekoape a re lelwapa lengwe le ne la nna lesego fa lekoma la ntlo e go neng go robaditswe ngwana yo monnye mo go lone le ne la wela kwa ntle mme ngwana a bolokesega.
A re fa pula e ka tswelela e na jaana, seemo se ka nna sa bifela pele.
Molaodi o ne gape a supa fa ba tlhoka thuso ya diatla gore batho ba ba senyegetsweng ke matlo ba kgone go thusiwa ka bonako.
Mme Lekoape a re pula e sentse ditsela mo kgaolong eo fela thata mme seo se dia gore ditlamelo tsa dithuso di goroge ka nako kwa go ba ba amegileng.
O ne a kopa Batswana gore ba nne kelotlhoko mabapi le seemo sa matlo a bone gore ba kgone go tshaba go na le nako go babalela matshelo a bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : LETLHAKENG
Event : Posolotso
Date : 09 Feb 2021