Noko e tlhasetse magapu kwa Kugae
09 Feb 2021
Molemi wa magapu kwa masimong a Kugae go bapa le Mmashoro kwa kgaolong ya Legare, Rre Edwin Moreri, o lela selelo sa khuranyo ya meno ntateng ya tshenyo ee dirwang ke dinoko.
Mo potsolosong ka Mosupologo, Rre Moreri o ne a supa fa dinoko di dira tshenyo e ntsi, selo se a reng se amile thobo e a neng a e solofetse.
A re ka mafelo a beke o ne a lemoga fa go na le sengwe se se jang magapu a gagwe thata.
Rre Moreri a re o ne a lemoga fa magapu a gagwe a tlhasetswe ke phologotswana e gotweng noko.
A re go ngomola pelo ka e ne e rile mo malatsing a le mabedi ga jewa magapu a le masome a le mabedi le botlhano.
A re ba ne ba dira maiteko a go batla mesima ya diphologolo tseo, mme fa ba sena go e bona ba retelelwa ke go di bolaya kana go di koba ka di ne di le mo mesimeng.
Rre Moreri, yo o lemang temo ya nosetso mme a lema magapu a bangwe ba a bitsang a sekgowa, a re ke temo ya boraro a lema magapu ao mme o lemogile fa a busetsa go na le a a tlwaelesegileng a Setswana.
A re o simolotse go lema magapu a e le tekeletso fela ka a ne a tlwaetse go lema merogo fela mme a lemoga fa a rata mmu wa tshimo ya gagwe ka mo temong ya ntlha ya tekeletso a ne a nna mantsi mme a kgona go dira dipoelo tse di nametsang go feta tse a di bonang mo temong ya merogo.
Ka jalo Rre Moreri o ne a kgothala mme a lemoga fa magapu ao a ka mo thusa go dira dipoelo fa a ka tswelela a a lema le merogo e a ntseng a e lema.
O supile fa magapu a sekgowa a sa tshwane le a Setswana ka a le sukiri thata ebile a kgona go nna sebakanyana a sa senyege.
A re magapu a gape a batla motho yo o pelotelele ka a batla a butswa pele gore le ba ba a rekang ba utlwe monate wa one.
O supile fa a sena mathata le kwa a ka a rekisang teng ka go na le bangwe ba ba kgonang go a tsaya ba ya go a mo rekisetsa kwa Orapa, Malatswai, Serowe le kwa Gaborone mme a fela ka ponyo ya leitlho.A re mo nakong tse dingwe o kgona go ema mo tseleng e e yang Orapa a rekisetsa ba ba leng mo mosepeleng mme ba a reka ka dipalo tse di kwa godimo.
Rre Moreri a re magapu a dira sentle fela thata ka nako ya selemo mme fa pula e na thata a kgona go kgoreletsega ka a sa batle metsi a mantsi.
O ne a gakolola balemi ka ene go lekeletsa magapu a mofuta o sele go na le a a tlwaelesegileng go bona gore a ba ka seka ba bona dipoelo tse di botoka.
Le fa go ntse jalo, moanamisa mafoko mo lephateng la tlhabololo temo-thuo le tlhomamiso dijo kwa kgaolong ya Legare, Rre Clifas Kemiso, o ne a gakolola balemi gore ba tsibogele go itsise balemisi ka sengwe le sengwe se ba se bonang mo temong ya bone jaaka diji kana diphologolo tse di tshwenyang mo masimong a bone gore ba nne le kitso ka tse di diragalang mo temong.
A re fa ba tshwenngwa ke diphologolo ba tshwanelwa ke go itsise ba lephata la diphologo gore ba ba fe dikgakololo tse mabapi le mofuta wa diphologolo tse di ba tshwenyang mo masimong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEROWE
Event : potsoloso
Date : 09 Feb 2021



