Diposo di tlhoka go shafadiwa
09 Feb 2021
Moeteledipele wa BotswanaPost, Rre Conerllius Ramatlhakwane o tlhalositse fa dikago tsa diposo Botswana ka bophara di tlhoka go shafadiwa ka di siilwe ke nako e bile bontsi jwa tsone di sale di agilwe morago ga lefatshe leno le tsaya boipuso.
Rre Ramatlhakwane o boletse jaana kwa Tsabong a supa fa go le botlhokwa gore dikago tse, di nne mo seemong se se itumedisang e bile se kgatlha leitlho go lekana le boleng jwa ditirelo tse di akaretsang dituelo tsa bagodi, go duela badiri ba Ipelegeng, go romela le go baya madi, go kgethela dikoloi le tse dingwe.
O boletse fa ba bone go tlhokega gore ba simolole mo Kgalagadi Borwa e leng Tsabong le Bokspits ka go baakanya fa batho ba thusediwang teng, go penta le go aga moriti fa pele ga poso.
A re batho ba feta dikete tse nne ba dirisa ditirelo tsa poso mo Tsabong, selo a reng se supa fa e le botlhokwa mo matshelong a batho.
O boetse fa baeteledipele ba poso ba leka ka bojotlhe gore ba tswe ka mananeo a a farologanyeng go thusa poso go dira dipoelo.
A re se, se ka thusa mo kgodisong ya diposo go nna mo seelong se ba se ipeetseng ngwaga le ngwaga.
Rre Ramatlhakwane a re gantsi ba ikaega ka letseno le ba le bonang ka ditirelo di akaretsa go duela bagodi, badiri ba Ipelegeng, dituelo tsa diphitlho, phatlalatso ya pampiri ya Daily News lefatshe leno ka bophara le tse dingwe.
O ne a kopa le go gakolola bodiredi jwa diposo go sala morago melawana ya ba botsogo e e laolang le go thibela mogare wa corona.
Fa a tswa la gagwe, mogolwane go tswa BotswanaPost, Rre Cliford Lekoko o ne a supa fa go na le madirelo a diposo a feta lekgolo le masome a mararo go ralala lefatshe leno.
Rre Lokoko o ne a tlhalosa fa ba ne ba tswa ka mogopolo wa go buisana le beng ba mabentlele a matona a tshwana le Choppies le Sefalana go ba thusa ka lefelo mo madirelong fa ba ka thusetsang bagodi teng go araba selelo sa setshaba sa mosuke mo diposong.
O boletse fa seo gape e le maiteko a go atumetsa ditlamelo gaufi le setshaba ka jaana ba thusiwa ka ditirelo tse di farologanyeng tsa go romela le go baya madi, go kgethela dikoloi le tse dingwe e seng go amogedisa bagodi fela.
Fa a ntsha mafoko a tebogo, motshwarelela molaodi wa Kgalagadi, Rre Bigboy Mangwa o boletse fa go shafatsa dikago tsa poso mo Tsabong go tlaa tsisa monyenyo mo badiring.
Rre Mangwa o boletse fa badiri ba poso eo go lebega ba na le tirisanyommogo e e kwa godimo le banni ba kgaolo ka ba seke ba amogela dingongorego dipe go tswa mo go bone.
Mme Rachel Jagter, modulasetilo go tswa mo komiting ya ditlhabololo tsa motse ya Tsabong Botlhaba o ne a supa fa banni ba motse oo ba tswa kgakala ba akola ditlamelo le ditirelo tsa poso, ka jalo ba gwetlhega go tshwaragana ba thusa mo go e tlhabololeng.
Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa kgwetlho ya maranyane a network e ba baya ka fa mosing ka nako ya dikamogelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Phuthego
Date : 09 Feb 2021



