Bangwe ba santse tsaya COVID-19 lolela - molaodi
07 Feb 2021
Molaodi wa kgaolo potlana ya Tutume, Mme Utlwanang Kerekang, a re ga a itumedisiwe ke ka fa batho bangwe ba santseng ba tsaya segajaja sa COVID 19 lolea ka teng.
Mme Kerekang o ntshitse matshwenyego a mo bokopanong le badiri ba ofisi ya gagwe kwa Tutume ka Labone.
A re go ngomola pelo go bona badirelapuso bangwe ba santse ba tsaya bolwetse joo motlhofo, a re gangwe le gape fa a etetse diofisi dingwe tse di fa tlase ga ofisi ya ga gagwe o fitlhela bangwe ba sa rwala dithiba molomo le nko.
Mme Kerekang o kgadile mokgwa oo, a re setshaba se lebile mo go bone, a re jaaka matlho a puso ba tshwanetse go nna sekao mo setshabeng ka go sala morago ditaelo tsa ba botsogo le go rotloetsa setshaba go itlhokomela le go itshireletsa.
“Ke boikarabelo jwa rona rotlhe, ka bongwe ka bongwe, go bona gore re lwantsha bolwetse,” a bua jalo ka pelo e botlhoko.
O boletse fa dipalo tsa ba ba tshwarwang ka mogare, ba ba lwalang, le ba ba tlhokafalang di oketsega letsatsi le letsatsi mo kgaolong ya bone.
A gatelela ka gore seemo seo, se ka laolwa fela ka go sala morago melawana ya tsa botsogo ka go rwala dithiba molomo le nko ka fa go tshwanetseng, go tlhapa mabogo kgapetsakapetsa ka metsi a a molora le go katologana.
O ba gwetlhile go nna ba begela ba botsogo fa go na le baeng ba ba tswang kwa dikgaolong tse mogare o bifileng teng.
Molaodi o ba tlhagisitse fa mogare oo o ama le go bolaya mongwe le mongwe, a re ka jalo ba seka ba tsaya dilo motlhofo ba re o bolaya bagolo, ba itse gore le bone ba mo kotsing ka jalo seo se batla tshwaragano go nyeletsa mmaba o.
“E tsentse tlhako kgamelong, a re tseyeng kgato, e seng jalo re a nyelela re le setshaba sa Botswana,”a rialo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Phuthego
Date : 07 Feb 2021