Breaking News

Mapodisi a tshwenngwa ke go gola ga dikgang tsa petelelo

07 Feb 2021

 Mookamela mapodisi a Machaneng, Superintendent Gagopale Gaselarona a re o tshwenngwa ke dikgang tsa petelelo tse di golelang pele kwa kgaolong ya gagwe ya sepodisi.

Fa a bua mo potsolosong bosheng, Supt Gaselarona o tlhalositse gore fa e sale ngwaga o simolola, ofisi ya gagwe e setse e amogetse dikgang tsa petelelo di le tharo, tsa tlhakanelo dikobo le bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse lesome le boferabobedi di le pedi le ya kiteo e le nngwe.

O tlhalositse fa babelaelwa mo ba setse ba tshwerwe, mme bangwe ba bone ba tlaa ya makgotla tshekelong.

Supt Gaselarona a re kgang e nngwe ya petelelo e diragaletse kwa polaseng nngwe go bapa le Machaneng ka Hirikgong a tlhola malatsi a le marataro. 

Mmelaelwa ke rre wa dingwaga tse masome a mane le bosupa, mme o kopane le mme wa dingwaga tse masome a mararo le bobedi mo tseleng, mme a itseela dikobo ka dikgoka.

Kgang e nngwe ya petelelo e diragaletse kwa Chadibe, Hirikgong a tlhola malatsi a le mararo, a tlhalosa fa mo go yone rre wa dingwaga tse di masome a mabedi le boferabobedi a itseetseng dikobo ka dikgoka mo mosading wa dingwaga  tse di masome a mabedi le borataro, o go supagetseng fa e ne e le mokapelo wa gagwe wa pele. Tiragalo e, e diragaletse kwa lapeng la mmelaelwa.

E nngwe ya petelelo e diragaletse kwa Makwate, e le ya rre yo dingwaga di masome a mane le boferabobedi yo o itseetseng dikobo ka dikgoka mo ngwaneng wa dingwga tse di lesome.

O boletse fa rre yo e le mokapelo wa ga mmaagwe ngwana yo. Tiragalo e, e diragetse ka Hirikgong a le masome a mabedi le bobedi, mme ba e begeletswe ka Hirikgong a le malatsi a le masome a mabedi le botlhano.

Mo dikgannyeng tse pedi tsa tlhakanelo dikobo le bana ba dingwaga tse di ka fa tlase ga lesome le boferabobedi, Supt Gaselarona a re mosetsana wa dingwaga tse di lesome le bosupa o dirisitswe botlhatswa ke rre wa dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa. 

Tiragalo e diragetse ngwaga oo fetileng ka Ngwanatsele a le lesome le botlhano, mme ba e begetswe ka Hirikgong a tlhola malatsi a le marataro.

Supt Gaselarona o tlhalositse fa bobedi jo bo ne bo dumelane ka dikgang tsa marato, mathata ele gore yo mongwe o kwa tlase ka dingwaga..

Mo go e nngwe, a re rre yo dingwana tse di masome a matlhano le bobedi wa Chadibe, o dirisitse botlhaswa mosetsana wa dingwaga tse di lesome le bone yo sa itekanelang sentle mo tlhaloganyong. 

Mmelaelwa  e ne e le mokapelo wa ga mmaagwe ngwana yo. Tiragalo e begilwe ka Hirikgong a tlhola malatsi a le masome a mabedi le boraro.

Kgang ya kiteo kwa  Chadibe yone e ama ngwana wa dingwaga tse di lesome le bobedi le malomaagwe wa dingwaga tse di masome a mane le boferabobedi ba ba nnang mo llapeng le le lengwe.

Supt Gaselarona o kgadile a mmenephatla ditiragalo tse, a re di a tshwenya bogolo jang tse di amang bana.

O tlhalositse fa go itseela dikobo ka dikgoka e le tiragalo e setlhogo thata, ka jalo a gakolola batho go ikgalemela ka e bile go se ope yo o sa itseng gore go itseela dikobo ka dikgoka mo mothong yo mongwe ke molato..

A re fa motho a dirile molato wa petelelo, o atlholelwa dingwaga tse di seng kwa tlase ga dingwaga di le lesome ga mmogo le yone tiriso botlhatswa bana katlholo ya teng le yone ga e ko tlase ga dingwaga tse di lesome.

Mo godimo ga moo, a re fa mmelaelwa fa a sena go bonwa molato a bo o fitlhelwa a na le mogare wa HIV and AIDS,o atlholelwa dingwaga di le lesome le botlhano. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : MAHALAPYE

Event : potsoloso

Date : 07 Feb 2021