Khudumelapye o lela ka metsi
07 Feb 2021
Tlhaelo ya metsi e beile banni ba Khudumelapye ka fa mosing.
Kgosi Mme Tuelo Ramokobetwane a re seemo seo se tsisitse lenyora le go emisa ditiro dingwe.
O boletse mo potsolosong bosheng gore sediba se se nosang motse ga se ntshe metsi a lekanyeng le gore metsi ga a kgone go phatlhalala le motse otlhe.
A re seemo seo se kgoreletsa banni ba ba abetsweng ditsha tsa bonno bosheng.
Kgosi Ramokobetwane o ne a kopa lephata la metsi go tsibogela seemo se ka bofefo.
Mo go tse dingwe Kgosi Ramokobetwane a re tsela ya Khudumelapye-Letlhakeng e tlhokana le go baakanngwa ka seemo sa yone se se jese di welang.O supile gore Tona wa Dipalamo le Ditlhaeletsanyo, Rre Thulaganyo Segokgo, o kile a etela motse wa bone go tla go bona seemo sa tsela eo mme a solofetsa fa ba tlaa dira tshekatsheko ya gore ba ka thusiwa jang go tokafatsa seemo sa tsela.
Kgosi Ramokobetwane o ne a tlatsa ka gore tsela e botlhokwa thata mo matshelong a batho ka ke yone e dirisiwang go tsisa ditlhabololo mo motseng. O tladitse ka gore morafe o dirisa tsela e go dira ditiro tse dingwe tsa selegae.
Ka jalo, o kopile puso go fefogela go baakanya tsela e, gore e nne mo seemong se se tsamaegang le gone gore e seka ya babalela dikoloi tsa morafe le tsone tsa puso tota.
E rile a itebaganya le tsa botsogo, Kgosi Ramokobetwane a akgolela morafe wa gagwe ka dira maiteko a go sala morago melawana e beilweng go thibela kanamo ya mogare wa corona.
A re seo se supa fa molaetsa o gorogile sentle mo go bone e bile ba lemoga mosola wa go obamela molao wa ba botsogo.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Ramokobetwane a re motse wa gagwe le one o amilwe ke COVID-19, ka gore mo nakong eno go na le batho ba le lesome le boraro ba ba tshwerweng ka mogare, mme ka go tlhoka lesego go tlhokafetse a le mongwe.
O kopile morafe go tswelela ka go ipabalela mo mogareng wa corona le go rurifatsa gore ba sala morago melawana ee beilweng ke lephata la botsgo go boloka matshelo.
Kgosi Ramokobetwane a re tirisanyo mmogo e botlhokwa, ka jalo a rotloetsa morafe wa gagwe go tswelela o dira ka tshwaragano go gatela pele.
A re popagano ke konokono ya tswelelo pele ya morafe le setshaba ka jalo go botlhokwa go nna seopo-sengwe.
Sengwe sa dilo tse di tshwenyang Kgosi Ramokobetwane ke gore ba lephata la kano ditsha ba bonya go baya ditsha tsa bonno, ka jalo seemo seo, se dia bana ba motse o, go itirela bonno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : KHUDUMELAPYE
Event : potsoloso
Date : 07 Feb 2021