Breaking News

Go tlhoka go obamela melawana ya COVID-19 go a tshwenya

07 Feb 2021

 Go itlhokomolosa melawana ya botsogo ke batho bangwe go santse go tshwenya.

Se se builwe ke mookamela mapodisi a Machaneng, Superintendent Gagopale Gaselarona, mo potsolosong ka Labotlhano.

Supt Gaselarona a re kgaolo ya gagwe e akaretsa Moshopha, Sefhare, Chadibe, Shakwe, Makwate, Kudumatse le Dovedale.

O tlhalositse gore le ntswa go supagala gore bontsi jwa batho ba tsere kgang e ka tlhwaafalo, go santse go na le bangwe ba ba tsweletseng ka go itlhokomolosa go obamela melawana ya botsogo go lwantsha COVID-19.

A re fa e sale ngwaga ono o simologa, ba tshwere batho ba le lekgolo le masome a matlhano le bosupa ba ba sa obameleng melawana e.

Mo palong e, ba le lekgolo le boraro ba ne ba tsamaya ba sa tsenya dibipa nko le molomo,  fa ba le masome a mane le bobedi bone ba ne ba tsamaya ka nako ya kiletso metsamao, ba le borobabobedi ba rekisa bojalwa ntswa thekiso ya bone e emisitswe ka nakwana fa ba le bane ba ne ba sena buka e kwadisetsang batho fa ba tsena ko madirelong a bone.

Mo go tse dingwe, Supt Gaselarona o ikuetse mo setshabeng go loma mapodisi tsebe mabapi le dikgang tsa bogodu jwa leruo.

 A re bogodu bo ileg magoletsa thata mo kgaolong ya gagwe ya sepodisi, ka jalo a kopa batho go iphapha mo go tlhorontsheng barui ka go ba utswela leruo ba bo le bolaya ba le rekisa.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : MAHALAPYE

Event : potsoloso

Date : 07 Feb 2021