Kgosi o lela ka thekiso ya bojalwa
08 Feb 2021
Kgosi wa Moiyabana kwa kgaolong ya Legare, Rre Mokopakgomo Kgomokgwana, a re o tshwenngwa ke batho bangwe ba ba apayang bojalwa jwa Setswana le ntswa go na le kiletso ya theko le thekiso ya jone.
O buile bosheng gore ga go itumedise go bo banni bangwe ba reka le go rekisa bojalwa kgatlhanong le kiletso ya seo.
Kgosi Kgomokgwana a re COVID-19 e tsweletse ka go gapa matshelo, mme a kgala banwi ba bojalwa ba a tlhalositseng gore fa ba setse ba nole ga ba kgone go rwala sentle dibipa melomo le nko, mme seo se tsenye matshelo a bone le a ba bangwe mo diphatseng.
Kgosi a re go utlwisa botlhoko ka jaana fa go nowa majalwa a setso batho ba amogana diphafana mme e bile ba nna ba kgobokane.
O bile a supa gore fa batho ba setse ba itshietse, ga ba nne le boikarabelo jwa go ipabalela mo segajajeng sa corona.
O supile ngongorego e fa Mme Florence Mosime le Mme Boadimilwe Gabaonne ba ne ba abela batho ba ba kobo dikhutshwane ba le masome mabedi dijo di tswa kwa lekgotleng la Boitumelo Fondation.
Kgosi Kgomokgwana o ne a supa boitumelo go bona go na le bana bangwe ba motse oo ba ba kgathalang ka matshelo a bangwe ka bone.
O ne a rotloetsa Mme Mosime le Mme Gabaonne go tswelela ba dira bontle ka go nna le seabe mo matshelong a ba ba tlhokileng lesego ka tsela epe fela.
Mme Gabaonne yo o neng a le teng kwa tirong eo, a re ba dira ditiro tsa bopelotlhomogi ka lorato e seng go kgatlha ope, a supa fa ene le Mme Mosime ba gwetlhilwe ke go lemoga letlhoko la bana bangwe ba tsena sekolo mme ba simolola go nna ba reka dipensele le dipene go ba thusa.
A re monongwaga ba ne ba segofala ka ba Boitumelo Foundation ba ne ba thusa ka dijo gore di abelwe batsadi ba ba kobo dikhutshwane mo motseng wa bone.
O bile a tlhalosa fa bogosi bo ne jwa thusa mo go sekasekeng gore ke bafe ba ba ka thusiwang, a supa fa botlhe ba ba neng ba tlhophiwa go amogela dimpho tseo e le ba ba seng mo lenaneong lepe la puso le le thusang batho ba ba nang le letlhoko.
E rile a tswa la gagwe, mokhanselara wa Moiyabana, Rre Phirinyane Orakanye, o ile a tsibosa morafe ka kgolo ya dipalo tsa batho ba ba tshwarwang ka mogare wa COVID-19 le dintsho tse di amanang le mogare oo mme a ba kopa gore ba sale ditaelo tsa ba botsogo morago ba sa di fapoge gope.
Le ene fela jaaka kgosi o ile a supa fa dipalo di supa gore go nowa ga bojalwa go nale seabe mo go ketefatseng maiteko a go laola kanamo ya mogare.
Mo ntlheng e sele, Rre Orakanye o ne a bua ka matshwenyego a puso tebang le kgokgontsho ya bong e e amang bana le bomme segolo bogolo, ka jalo a kopa borre go nna basireletsi ba bomme e seng babolai ba bone.
O bile a ba rotloetsa go nna ba kopa thuso kwa go ba ba lebaneng fa go nale diphapang go nale go bolaya, a re go gapela motho botshelo ga se tharabololo mme ebile tlogelela ba masika bohutsana jo bo sa feleng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Mbaeva
Location : MOIYABANA
Event : Phuthego
Date : 08 Feb 2021



