Seemo sa ditsela ga se jese diwelang
07 Feb 2021
Modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng, Rre Meshack Tshenyego, a re khansele e itse ka seemo sa ditsela se se sa jeseng diwelang bogolo jang ka nako ya pula.
Rre Tshenyego o boletse ka Labotlhano gore khansele potlana e ikaelela go gopa ditsela gore di nne mo seemong se se itumedisang.
Rre Tshenyego, yo gape e leng mokhanselara wa Mmantshwabisi, a re mo nakong ya gompieno, go bereka segopi se le sengwefela fa tse pedi di senyegile.
A re seo ke nngwe ya dikgwetlho tse khansele potlana e lebaganweng ke tsone mme se dira gore ba palelwe ke go gopa ditsela ka nako e e dumelanweng.
O supile fa go senyega ga digopi go ama lenaneo la go gopa ditsela ka mo kgweding tsela nngwe le nngwe e tshwanetse go gopiwa gangwefela.
A re mo nakong ya gompieno khansele potlana ya Letlhakeng ga ena madi mme e dirile gore ba thusiwe go dira ditiro tsa khansele.
Rre Tshenyego a re kgaolo ya Letlhakeng e bophara mme go nna turu go tlhokomela ditsela, ke ka moo go leng botlhokwa gore mo kabong ya madi, ba hiwe madi a a botoka go na le ba bangwe.
A re kopo ya gagwe ga e reye gore dikgaolo tse dingwe ga di na mathata mme go tshwanetse ga sekwasekwa bophara jwa kgaolo gore madi a tsamaelane le seemo sa kgaolo eo.
O supile fa banni ba kgaolo ya Letlhakeng ba babalelwa ke ditsela tse di mo seemong se se maswe mme seo se tlhoka gore ba eme ka dinao go thusa morafe.
Rre Tshenyego a re sebe sa phiri ke gore khansele ga e na madi mo nakong ya gompieno mme fa ba bona madi ba tlaa tsibogela ditsela tsa kgaolo.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya khansele potlana
Date : 07 Feb 2021