Breaking News

Khamphane ya Nakwa Safaris e aba ntlo

04 Feb 2021

Khamphane ya Nakwa Safaris kwa Maun e abetse Mme Kewame Kelaotswe wa dingwaga tse di masome a mararo le bosupa ntlo e e lopileng P15 000.

E rile a rola ntlo kwa kgotleng ya Sedie bosheng, mogolwane wa khamphane eo, Rre Cameroon Dina, a supa fa ba ne ba gwetlhega go tsenya letsogo ka jaana ba ne ba sa jesiwe diwelang ke seemo sa ga Mme Kelaotswe.

A re seemo se ne sa ba ngomola pelo ka jaana a ne a robala mo mokhukhung o o neng o gomagometsa go wa bogolo jang ka pula e ne e tsweletse ka go tsorotla. 

A re ka e le bontlha bongwe jwa maitlamo a khamphane go thusa ba ba tlhokileng lesego, ba ne ba itlama go aga ntlo ya kamore e nngwe ya ga Mme Kealotswe.

Rre Dina a re o solofela fa mpho eo e tlaa dira pharologanyo mo botshelong jwa ga Mme Kealotswe ka e tla mo fa seriti. 

O boletse fa ba ikemiseditse go tswelela ba thusa Mme Kelaotswe   ka tse a di tlhokang ka jaana ba batla botshelo jwa gagwe bo tokafala.

Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolo ya Sedie, Rre Gabonewe Kebonye o lebogetse mpho a tlhalosa fa go le botlhokwa gore dikhamphane di nne le seabe mo go thuseng morafe.

A re se khamphane e se dirang ke go imolola puso morwalo wa go ntsha batho mo lehumeng a tlatsa ka gore ba Nakwa Safari ba supile Lorato le kutlwelobotlhoko mo go bao ba ba tlhokileng lesego.

A re e re seru sa COVID 19 se amile mohama wa bojanalo, kompone e dirile maiteko le ntswa e sa dire dipoelo tse di nametsang ka ntlha ya kemiso ya metsamao. Mme Kelaotswe o ne a amogela mpho ka boitumelo a re ba Nakwa Safaris ba mo diretse go le go golo. 

A re o ne a tshelela mo seemong se se maswe, sa poifo gore ntlo ya gagwe e ka nna ya gosomana nako nngwe le nngwe. 

O ne a eleletsa kompone eo katlego mo isagong a re e gole e bo e tswelele ka go tsenya letsogo mo setshabeng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kgosietsile Bontsi

Location : Maun

Event : Kabo dimpho

Date : 04 Feb 2021