Breaking News

Mthimkhulu o lekola malwapa aa senyegetsweng

04 Feb 2021

Mopalamente wa Gaborone Borwa, Rre Dumezweni Mthimkhulu, e rile ka Laboraro a ya go lekola tshenyo ee bakilweng ke pula kwa kgaolong ya gagwe.

O lekotse malwapa kwa Bontleng le Old Naledi, seporo, mesele ya kgopho ya metsi a pula, sekolo se segolwane sa Bokamoso le  Cresta Lodge.

Mo potsolotsong, mopalamente o ne a supa fa tshenyo e ntsi e dirilwe ke go kabana ga mesele le gore kgopo ya metsi a pula ga e tsamae sentle. Rre Mthimkhulu, yo gape e leng Mothusa Tona wa Ofisi ya ga Tautona, Tsamaiso Puso le Bodiredi, a re seemo se se tshwanetse go baakanngwa go thusa banni go nna fa go sireletsegileng.

A re mogokgo wa sekole sa Bokamoso o supile fa tiragalo e, e le selo modiro, ka nako ya pula.

Rre Mthimkhulu o boletse gape fa a ne a kopane le Tona wa Dipagamo le Ditlhaeletsano, Rre Thulagano Segokgo go tla ka tharabololo, mme ba dumalane go tla ka leano la nakwana la go thibela metsi go tsena mo malwapeng, fa ba santse ba batla tharabololo ya sennelaruri.

A re khansele ya Gaborone le yone e ikopantse le lephata la dipagamo le ditlhaeletsano go tla ka bomaitseape go dira moalo go thusa ka dikgang tsa merwalela le ka go gakolola mo kagong ya Gaborone.

Rre Mthimkhulu o gakolotse Batswana go tswelela ka go ikgapha le go nna ba ipaakanyeditse diemo tse di tlang ka pula ee mashetla e santse e tlaa tswelela mo dikgwedi tse di tlang.

Fa a tswa la gagwe, mogolwane mo ofising ya boipelego Mme Neo Nganunu, a re ba kgonne go sekaseka malwapa a le masome mane le botlhano a a neng a amegile thata, mme ba kgonne go thusa a le masome mararo ka dijo le a ferabongwe ka dikobo.

A re bontsi jwa malwapa a a tseneletsweng ke metsi e ne e le a a kwa lefatshe le thulametseng teng.

 A re go botlhokwa go sekaseka seemo sa tshekamo ya  lefatshe le go gakolola banni gore ba ka aga dikago tsa bone jang.

Monni wa Bontleng, Mme Kemoneile Oageng, a re ba senyegetswe thata, mme a supa fa ofisi ya boipelego e ba solofeditse go ba thusa ka dijo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Lephogole

Location : Gaborone

Event : Interview

Date : 04 Feb 2021