Breaking News

Go tlola molelwane go tshwenya kgosi

03 Feb 2021

Kgosi Jonnie Engleburg wa Mc Cathy’s Rust kwa kgaolong ya Kgalagadi a re o tshwenngwa ke banni bangwe ba ba tlolang molelwane e se ka fa molaong.

Mc Cathy’s Rust o dikhilomithara di ka nna masome a mabedi go tswa kwa Tsabong, mme e bile ke mongwe wa metse e e gaufi thata le molelwane, ka jalo banni ba teng ba kgona go tlola terata e se ka fa molaong.

Dikgoro tsa molelwane di sa ntse di tswetswe ntateng ya segajaja sa COVID-19.

Mo potsolosong, Kgosi Engleburg o ne a tlhalosa fa banni ba tlola ka dipalo tse di kwa godimo, mme a tlatsa fa ba tshwaraganetse dikgang tsa teng le mapodisi, mopalamente le mokhanselara go gakolola le go kgalemela seemo seo.

Fa a tswa la gagwe, Kgosana Fannie Tumaeletse ene o ne a supa fa go na le batsadi bangwe ba ba bipang mpa ka mabele.

A re fa ba bona motho yo ba sa mo itseng mo motseng ga ba tseye kgato go itsise ba bogosi go tlhotlhomisa gore o tswa kae, selo se a reng se gakatsa go tlola tereta ga molelwane go kgona le go rata mme se gakatsa seemo sa mogare wa corona.

Lefa go ntse jalo kgosana Tumaeletse o ne a supa fa ba beile leitlho gore banni ba motse oo ba obamela melawana yotlhe ya ba botsogo ee sireletsang kgatlhanong le kanamiso mogare wa corona.

Mo go tse dingwe, mongwe wa bora lekgotla, Rre Odumetse Dipone, o ne a ngongorega  ka madi a ipelegeng a ba a latelang kwa Tsabong go na le gore  khansele e ba latela go ya go ba duelela kwa motseng wa bone.

O boletse fa go amogelela kwa posong go le borai ka go le mosuke wa batho selo se a reng se ka ba tsenya mo diphatseng tsa go tsenwa ke mogare wa corona  ka ba felela ba sa sale morago melawana ya ba botsogo bogolo jang  wa go katologana.

Rre Dipone a re go kopa dithuso kwa Tsabong ke kgwetlho mo go bone ka ba jewa ntsoma ke beng ba dikoloi ba ba duedisang ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo.

Fa a tsibogela ngongorego ya tlhaelo ya dipalamo, moeteledipele mo lephateng la dipalamo le ipabalelo tseleng kwa Tsabong, Rre Lyon Nthebolang, o ne a supa fa go na le baikopedi bangwe ba ba neng ba eletsa go neelwa teseletso ya tsela ya  Mc Cathy Rust/Tsabong.

Le fa go ntse jalo, Rre Nthebolang o ne a tlhalosa fa mongwe a kile a atlega.

O tlhalositse fa mathata a ne a tlhagoga morago ga gore banni jaanong ka ba ne setse ba tlwaetse go dirisa dikoloi tsa bone ba iphitlhela ba kokonelwa ke go dirisa khombi e e neng e nale teseletso.

Rre Nthebolang a re ka jalo banni ba ne ba simolola go dirisa khombi eo ka dipalo tse di kwa tlase, mme sa baya moikopedi yoo ka fa mosing a felela a busitse teseletso ka go ne go sena madi aa bonang fa e se ditatlhegelo fela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Mc CATHY’S RUST

Event : Potsolotso

Date : 03 Feb 2021