Metsi a kgamile lekawana kwa Serowe
03 Feb 2021
Mogolwane wa mapodisi a Serowe, Superintendent Poloko Oteng, a re ba tlhotlhomisa kgang e metsi a gapileng botshelo jwa lekawana la dingwaga tse di masome mabedi le bobedi (22) wa kgotla ya Mmopi kwa Serowe ka Mosupolologo.
Superintendent Oteng o boletse fa ba ne ba amogela pego mme ba ragogela kwa lefelong la tiragalo, kwa molapong wa Moriri.
Supt Oteng a re lekawana leo le emeletse kwa lwapeng le wa dingwaga tsedi lesome le botlhano ba ya go batla dikgong mme mo tseleng ba kopana le bo mmata ba tshwarisanya tsela.
Ba fitlhela basimanayana bangwe ba latlhetse kgwele ya dinao mo metseng ba sa itse gore ba ka e ntsha jang, a ba bolelela gore o itse go shapa metsi mme a tsena mo metsing.
Mme o ne a felela a nwela mo metsing.
Ba ba neng ba na le ene ba ne ba ya go bega kwa lwapeng mme ga bitswa mapodisi.
Supt Oteng o boletse gore ba ne ba thuswa ke lephata la ditima molelo go ntsha moswi mo metsing yo go rurufaditsweng fa a tlhokafetse kwa kokelong ya Sekgoma.
O boletse fa dipula di tsweletse ka go tsorotla mme batho ba tshwanetsae go ikela tlhoko fa makgabaganyong a metshelakgabo le fa metsi a emeng teng.
Mo tiragalong e nngwe, Supt Oteng o begile fa ba begetswe fa mosadi wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabobedi a fitlhetswe ka dintho tse di masisi mo tlhogong kwa kgotleng ya Sedumedi kwa Moiyabana ka bofelo ja kgwedi ya Herikgong.
Mme yoo o ne a rudifadiwa fa a tlhokafetse kwa Sekgoma.
Supt Oteng o boletse fa rre wa dingwaga tse di masome mane le borataro a ne a bega gore o bone mme mongwe a kgophaletse ka dintho mo tlhogong.
A re morago ga moo ba ne ba tsomana le monna wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabobedi mabapi le tiragalo eo.
A re go utlwalesega fa bobedi jo e ne e le baratani.
A re fa ba tshwara mmelaelwa, ba fitlhetse rre yoo a sa tsoga sentle mme ba mo ragosetsa kwa kokelong kwa go boletsweng fa a nole sengwe se go belaelwang e le botlholei.
Supt Oteng o boletse fa rre yoo, a ne a tlhokafala ka Mosupologo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 03 Feb 2021