Pula e solofetswe go tswelela
02 Feb 2021
Mothusa mogolwane wa lephata la tsa tepo loapi, Rre Radithupa Radithupa, a re pula ee bokete e solofetswe go tswelela ka go na beke eno yotlhe.
Rre Radithupa o boletse mo potsolotsong ka Mosupologo, gore pula e tlaa fokotsega beke ee tlang e simologa.
A re pula e tla morago ga setsuatsuwe sa Eloise se se tlhagogileng kwa toropong ya Beira kwa bokone jwa Mozambique.
O supile fa pula e sa le e simologa ka Labotlhano wa beke e e fetileng, mme e na Botswana ka bophara, a bolela fa kwa Selebi Phikwe go gatisitswe lekgolo le masome a matlhano.
Rre Radithupa a re go na le kgonagalo ya gore pula ee solofetsweng e dire merwalela mo mafelong mangwe ka lefatshe le setse le kolobile mo go feteletseng. A re seemo se se dira gore metsi a elele fela fa godimo ga lefatshe, fa a mangwe a itsheka ka jaana mesele ya kgopo ya metsi a pula le yone e setse e penologa.
Le fa gontse jalo, Rre Radithupa a re mafelo a a motlhaba o montsi one a tlaa seke a babalelwe thata.
O ne a kopa setshaba go nna kelotlhoko, mme a kopa batsadi go tlhokomela metsamao ya bana, go ba itsa go tsamaela mo mafelong a a nang le metsi a a itshekileng kgotsa gaufi le mesele ya kgopo ya metsi a pula ga mmogo le melapo le dinoka ka seo se le diphatsa. O bile gape a gakolola barui go tlhokomela leruo ka nako e ya dipula. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Chendzimu Mayepedza
Location : Gaborone
Event : Potsolotso
Date : 02 Feb 2021