Go fetola boitshwaro ke mmangmmang
02 Feb 2021
Dikereke di rotloeditswe go thusa go betla methale ya go tokafatsa boitshwaro jwa setshaba.
Go ne go bua Mothusa Mookamela Ramapodisi a Molepolole, Rre Motshwari Mokamogo kwa tirelong e e neng rulagantswe ke kereke ya African Methodist Episcopal (AME) kwa kgotleng kgolo ya Bakwena bosheng.
Tirelo e, e ne e rulaganyeditswe go rapela kgatlhanong le kgokgontsho le segajaja sa COVID-19.
Asst Supt Mokamogo a re go anama ga COVID-19 le seemo sa dikgang tsa kokgontsho ya bong ga go jese diwelang mme boitshwaro jwa batho ga bo fetoge.
“Re tsweletse ka go kwadisa kgolo ya dipalo tsa bolwetse mme morafe o tsweletse ka go dira dilo tsa tlwaelo jaaka manyalo le dintsho tse di tsamisiwang ka thulaganyo ya gale di kokoantse dipalopalo go ikgatholositswe melawana ya ba botsogo e beilweng go hema kanamo ya mogare wa corona,” mogolwane wa mapodi a tlhalosa.
A re o dumela fa go ka nna le kgatelopele fela fa letsogo la dikereke le ka nna gaufi le merafe go thusa go bopa setshaba se se tlhaloganyang go itse fa poifo Modimo e le yone tshimologo ya botlhale. Mabapi le dikgang tsa kgokgontsho ya bong, Asst Supt Mokamogo o tlhalositse fa ba tshwenngwa thata ke batsadi bangwe ba ba itlhokomolosang kgodiso ya bana.
A re seemo se, se tsala botlhoka tsebe jaaka tiriso ya ditagi le dipolaano.
E rile a tlhalosa maikaelelo a tiro eo, Moruti Richard Nkgelepang a supa fa kereke ya AME ele nngwe ya tse di tshwenyegileng thata ka seemo se se kgoberang thitibalo le ledula mo gare ga Bakwena.
“Re fano go kopa tshwaragano le morafe go thusa go lwantsha dikgang tse di ka agololang setshaba,” ga bua Moruti Nkgelepang
Mafoko a thero a ne a rolwa ke mookamedi wa phuthego ya AME, Moruti Daniel Kgosinkwe ka go fa morafe wa Bakwena tsholofelo ya gore seemo sa nako eno sa kgolo ya dikgang tsa kgokgontsho ya bong se tlaa feta.
Moruti Kgosinkwe o kopile Bakwena go nna le tsholofelo go itse fa bothata jwa nako eno bo tlaa feta go fa motse wa Molepolole serodumo le thitibalo.
E rile a lebogela tiro eo, Ramopodisi wa kgaolo ya No 11 Senior Superintendent Modise Gabatshwane a kopa morafe go obamela melawana ya ba botsogo ka go emisa mekete ya manyalo le go sala morago dipalo tse di letlelesegang tsa masome a matlhano kwa dintshong.
A re bothata joo go lebega bo ile magoletsa ka jaana morafe o tlhophetse go ikgatholosa dikiletso tsa melawana ya COVID-19. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : Molepolole
Event : Tirelo ya kereke
Date : 02 Feb 2021