Selema o akgolela komiti mowa wa kutlwelobotlhoko
01 Feb 2021
Ngaka kwa Mahalapye District Hospital, Dr Kefilwe Selema, o akgoletse maloko a komiti ya ditlhabololo tsa Tidima mowa wa kutlwelobotlho o ba o supileng ka go agela Mme Setswakae Kealepile ntlo ya kamore e le nngwe.
Fa a rolela Mme Kealepile (62) ntlo ka botsheng, Dr Selema o boletse fa setshaba se tshwanetse go nna motlotlo go bo se tshegeditse maikano a go nna tshaba ee lerato le kutlwelobotlhoko.
“Re tshwanetse ra tswelela ka go emana nokeng re le setshaba gore re kgone go fitlhelela dikeletso tsotlhe tsa rona. Go dira jalo go godisa setshaba. Se le se dirileng le Tidima ke tiro e tona e e supang tshwaragano ya lona le morafe. Ke sesupo sa gore le kgatlhala ka letlhoko le matshwenyego a morafe,” ga tlatsa Dr Selema.
Lerato le tshwaragano e e supilweng ke maloko a Tidima le ba-na-le-seabe mo kagong ya ntlo ke sekao sa gore Batswana ke batho ba ba kutlwelobotlhoko.
Go ema nokeng maiteko a Tidima, Dr Selema, yo gape e leng mogwebi, o solofeditse go dirisa P20 000, mo ngwageng tse tharo, go rekela Mme Kealepile dijo kgwedi le kgwedi.
Modulasetilo wa komiti ya Tidima e eakaretsang dikgotla tsa Tidimalo le Madiba, Rre Trevor Moiseraele o tlhalositse fa komiti e ne ya dirisana le ofisi ya boipelego go e kaela le go e fa dikgakololo go fitlhelela maikaelelo a yone a go agela Mme Kealepile.
A re go ne go se bonolo, mme a akgola botlhe ba ba nnileng le seabe mo go atlegeng ga kago ya ntlo.
A re ba dirile tiro yotlhe ka boithaopo le ka kemonokeng ya ga Kgosi Maunatlala le malwapa mangwe aa neng a ba tswa thuso.
Ka jalo, Rre Moiseraele o kopile Mme Kealepile go amogela mpho ya bone ka pelo ya gagwe yotlhe, a re ba dirile se ka lerato e seng ka go mo nyatsa.
Mmaboipelego wa kgaolo, Mne Kuda Moloko, o kgothaditse Mme Kealepile go tlhokomela ntlo ya gagwe ka go netefatsa gore e nna e le phepha le tikologo ya yone tota.
O mo kopile go lema merogo le maungo mo lwapeng ka e tsela nngwe ya go itshidila mmele le go itirela dijo. Fa a amogela ntlo, Mme Kealepile o supile fa a tletse boitumelo, ka jalo a lebogela lerato la botlhe ba ba nnileng le seabe mo go mo ageleng ntlo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : Gaborone
Event : Kabo dimpho
Date : 01 Feb 2021