Breaking News

Dikole di le lesome di abetswe dibuka

01 Feb 2021

Dikole di le lesome tsa kgaolo ya botlhophi ya Molepolole Bokone di abetswe dibuka tse di kwalelang di le 37 685 ke khamphane ya Paper 4 Africa ka Labotlhano.

Dibuka di ya go abelwa baithuti ba dikole tse dipotlana ba feta 7 000 ba mongwe le mongwe wa bone atlaa neelwang tse tlhano.

Fa a amogela dibuka mo boemong jwa dikole, mopalamente wa Molepolole Bokone, Rre Oabile Regoeng, o ne a iteela legofi Paper 4 Africa go ema puso nokeng go thusa go tlhabolola seemo sa thuto se se lebanweng ke dikgwetlho.

A re thuso ya mofuta o, e tiisa moko mohama wa thuto, o eleng mongwe wa e e amegileng thata ka puso e sa kgone go fitlhelela ditirelo tsa botlhokwa, a supa fa se se tlaa thusa go fokotsa tlhaelodi dirisiwa. 

A re lefatshe le tlhoka setshaba se se rutegileng go itepatepanya le dinako tsa segompieno.

Mopalamente Regoeng o supile fa puso e tsweletse ka maiteko a go tlhabolola seemo sa thuto ntlha e areng e supiwa gangwe le gape ke thulaganyo ya kabo madi e mo go yone lephata la thuto le nnang le di goga kwa pele ka serwe se se fa godingwana le mororo go sa lekane. 

Moemedi wa Paper 4 Africa, Mme Lydia Selalo, o tlhalositse fa khamphane e tsweletse ka maitlamo a go ema puso nokeng ka go itepatepanya le matlhoko a Batswana ka go farologana jaaka go agela batlhoki. 

A re thulaganyo ya go thusa go abela dikolo dibuka ba e simolotse ka ngwaga wa 2014 e remeletse thata mo kgaolong ya borwa jwa lefatshe leno.

Mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Phuthadikobo, Rre Kebonyethebe Rasedie, o rotloeditse boeteledipele jwa dikolo go dira ka natla go tiisa moko baabi ba dithuso gore ba rotloetsege go fitlhelela maikalelelo a go dira pharologanyo ka go thusa go tlhabololola thuto.

“Ke boikarabelo jwa rona bagokgo go re dithuso tsa mohuta o, di lo tiise moko go tokafatsa seemo sa maduo ka go fokotsa ditlhaelo tsa lona ka jaana kwelotlase le katlego ya seemo sa thuto ele boikarabelo ja rona,” ga gakolola Rre Rasedie.

A re le ntswa a lemoga fa ba tlamega go thusa go fetola seemo sa thuto, o santse a tlhobaediwa ke kgang ya barutabana go direla tiro ya bone kwa malwapeng ka jaanong ba kopana le baithuti dioura di le nne fela, a re thulaganyo e, e ya go ama seemo sa thuto.   

Mothusa kgosi kgolo ya Bakwena, Kgosi Lawrence Mhaladi a re mpho ya Paper 4 Africa e tlaa thusa go fokotsa pharologanyo fa gare ga baithuti ka mabaka a teng a botshelo.

O kopile puso go ema nokeng bagwebi ba ba itlamileng go thusanya nayo mo go tlhabololeng botshelo jwa Motswana gore ka dipoelo tse ba di fitlheletseng ba kgone go tia moko go aba. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : Molepolole

Event : Kabo dimpho

Date : 01 Feb 2021