Dilo makwati di kwatabololwa mo go go ba bangwe - mogolwane
31 Jan 2021
Mothusa molaodi mo Ghanzi, Rre Thatayaone Royal o kopile dikhamphani tse di mo kgaolong ya Ghanzi go tsaya malebela mo go ya Tshukudu Metal.
O buile jaana bosheng fa a amogela didirisiwa tsa madi a a tswarang P70 000 tse di neng di abelwa dikole di le lesome le bongwe.
Di dirisiwa di akaretsa melora, di sanithaesara le distand tse ditswarang di sanithaesara gore bana ba itshireletse mo mogareng wa COVID-19.
Rre Royal a re khamphani ya Tshukudu Mental e dirile tiro e ntle thata ka jaana dithuso di tla nako e e siameng go lebeletswe kgolo ya dipalo tsa batho ba ba tsenwang ke mogare wa COVID-19 mo kgaolong.
Are puso ga e kake ya kgona e le nosi, ka jalo makgotla a a ikemetseng a tshwanetse go tshwaragana le puso go lwantsha COVID-19.
O lebogetse seabe sa khamphani eo, a kaya fa e se la ntlha e aba, ka e ne ya thusa kokelo ya Ghanzi.
O kopile bagolwane ba khamphani eo go tswelela ka mowa o go ya kwa pele.
Mogolwane wa Tshukudu Metal, Rre Karabo Laletsang o ne a tlhalosa fa Tshukudu Metal e le khamphani e nnye mme e gola mo go dupeng di-tswa mmung di tshwana kopore.
A re ba ya go direla mo Ghantsi dingwaga di le lesome le boraro mme mo dingwageng tseo ba tlaa leka ka bojotlhe go thusa batho ba kgaolo eo ka sengwe ka sengwe se ba bonang gore se ka ba solegela molemo.
Mothusa mokwaledi wa khansele, Rre Thatayaone Balapi a re mpho e botlhokwa go lebilwe seemo se ba leng mo go sone ntateng ya mogare wa COVID-19.
A re khamphani ya Tshukudu Metal e ne ya lemoga letlhoko kwa dikoleng, ka jalo ba thusitse fela thata ka go abela dikole di dirisiwa tseo.
O ne a leboga Tshukudu Metal, a supa gore seabe sa bone se tlaa dira gore ba bonale mo kgaolong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : Ghanzi
Event : Kabo dimpho
Date : 31 Jan 2021