Breaking News

Mogolwane o tlhagisa ba Maun ka dinare

31 Jan 2021

Banni ba Maun ba gwetlhilwe go nna podi matseba ka dinako tsotlhe ka jaana go begilwe fa go na le dinare tse di sailang mo motseng, selo se se ka nnang borai mo matshelong a bone. 

Mogolwane go tswa kwa lephateng la Diphologolo le Makgabisa Naga, Rre Mogotsi Modise o tlhagisitse jalo banni jaaka ba ne ba tshwere segopotso sa go gopola modiri wa lephata leo yo o bolailweng ke nare bosheng a le mo tirong.

O boletse fa ba tsweletse ba amogela dipego go tswa mo setshabeng gore dinare di bonwe di gobeya mo motseng.

A re bosheng jaana ba begetswe fa di le nne di bonwe gaufi le marekitsetso a didirisiwa tsa dikoloi ntlheng ya kgotla ya Bombadi fa dingwe go kaiwa di bonwe kwa dikgotleng tsa Sedie le Disana.

A re ba begetswe gape fa dikubu le tsone di bonwe di gwanta mo tseleng ya Kuke.

Rre Modise o boletse fa ba itemogela motsamao o montsi wa diphologolo tsa naga, bogolo jang ka kgaolo e tsweletse ka go newa ke dipula.

A re diphologolo di saila naga yotlhe di le mo letsomomg la metsi le phulo, ka jalo a ikuela mo banning go begela maphata a a lebaneng jaaka la bone, mapodisi kana ba lephata la matlhoko a leruo.

Bosheng mookamela sepodisi sa Maun, Superintendent Chenamo Orateng o supile mo potsolotsong fa ba tshwenngwa ke dikgang tse batho ba latlhegelwang ke matshelo ka ntlha ya diphologolo.

 Le ene o ne a ikuela mo banning go nna kelelelo ka jaana go bonetse fa diphologolo di gobeya e beile di baya matshelo a bone mo diphatseng.

O boletse gore fa ngwaga o ya fifing ba ne ba kwadisa dikgang di le mmalwa tsa batho ba tlhaselwa ke diphologolo mme bangwe ka lesego ba kgona go falola fa bangwe ba latlhegetswe ke matshelo.

O ne a fa sekai ka mme mongwe yo ene le morwadie ba neng ba kubugelwa ke kwena mo nokeng fa ba bapala tswii. 

A re bobedi joo bo ne jwa kgona go falola ka dikgobalo tse di masisi ka jaana e ne e ba kgaotse mabogo.

Superintendent Orateng a re ntswa ba tlhaloganya fa bangwe ba itshetsa ka di-tsa tlholego, go botlhokwa gore ba itise mo diphologolong tse di borai jaaka tsone dikubu, dikwena, ditlou ga mmogo le dinare.

E re dikgang di eme jalo, go boletswe fa dinare di ka nna tharo di bolailwe monongwaga ka jaana di ne di tshosetsa banni matshelo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : Maun

Event : Segopotso

Date : 31 Jan 2021