ISPAAD e botlhokwa - Regoeng
31 Jan 2021
Mopalamente wa Molepolole Bokone, Rre Oabile Regoeng o rotloeditse balemi go tlhagafalela tiriso ya lenaneo la temo la ISPAAD go thusa go tlhabololola mhama wa temo gore lefatshe leno le ntshe dijo tse di lekaneng.
E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Molepolole kwa goo-Modibedi, mopalamente a supa fa lefatshe leno le kokonelwa ke tlhaelo ya dijo e bile le ikaegile ka mafatshe a mangwe.
Rre Regoeng a re thulaganyo ya go ntsha dijo e tlhoka boikarabelo jwa balemi go dira ka natla go netefatsa gore mananeo a a thusang go tlhabolola seemo sa dijo le temo-thuo ka kakaretso a dirisiwa ka boikarabelo go thusa puso go kgona maikaelelo a yone.
Mopalamente o ne a bua jaana go supa matshwenyego ka boitseme jwa Batswana bangwe jwa go tlhoka go tsaya temo ka tlhoafalo le mororo puso e tsweletse ka go thela madimadi mo go yone.
O ne a supa fa tshwetso ya go fokotsa ditema tsa ISPAAD e tshwanetse ya nna thuto mo Batswaneng go lemoga fa puso e sa kgone go dira mo go lekaneng ka mabaka a e senang taolo mo go one a tshwana go tlhagoga ga bolwetse jwa COVID-19
“A re ithuteng mo seemong sa nako eno go tlhomamisa gore temo e ntsha maduo go fokoletsa puso morwalo wa go jesa malwapa,” ga gakolola Mopalamente Regoeng.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Regoeng o kopile botsadi go fetola ditsamaiso tsa malwapa go thusa go fokotsa bothata jo bo apereng setshaba tsa kgokgontsho ya bong, ka go ema kgatlhanong le dikgang tse di ka atisang dikgang tsa mofuta o.
Batho boo-Modibedi ba bile ba ntsha matshwenyego a gale a seemo se se sa iketlang sa lenyora kwa kgaolong eo.
Ba re e re ntswa ba na le tsholofelo ya gore tharabololo ya bothata ja metsi a motse wa Molepolole e tlaa nna selo sa maloba, ba kopa thulaganyo ya nama-o-sa-tshwere go fokotsa bothata jwa lenyora.
Batho bao, mo go bone go le Mme Kebonye Modibedi, ba re bothata jwa metsi kwa kgaolong eo bo tsweletse ka go golela pele ka jaana metsi a a tshelwang mo ditankeng a akolwa fela ke ba ba nang le dithata tsa go a paka ka bokete ba tlhaedisa ba bangwe.
Mongwe wa banni, Mme Lydia Thaga ene a re o tshwentswe ke tikologo e e leswe ya kokelwana ya Boswelakoko e a reng e tlhoka go tsibogelwa go phepafadiwa go thusa gore batho ba tshephe go ntshiwa ga ditirelo tsa botsgo.
Mabapi le bothata jwa seemo sa kokelwana ya Boswelakoko, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Mme Tuduetso Kablay a re ba tlhaloganya bothata jo bo teng kwa kokelwaneng ya Boswelakoko.
O supile fa seemo se befisiwa ke tlhaelo ya madi go tsibogela kgang ya go olela ga matlakala.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Boswelakoko/St Pauls, Rre Boiki Sibisibi ene o kopile gore go tsibogelwe tharabololo ya seemo sa metsi a Molepolole se a reng se tlhokisa banni kagiso.
Mokhanselara o kgothaditse ba botsogo go fefogela go phepafatsa tikilogo ya kokelo ya Boswelakoko. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : Molepolole
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 31 Jan 2021