Breaking News

Mapodisi a tshwenngwa ke ba ba tlolang molao

28 Jan 2021

Ramapodisi a Ramatlabama, Superintendent Zibani Mbisana a re ba tshwenngwa ke bakgweetsi ba ba tsweletseng ka go tlhoka go obamela kiletso mesepele, selo se se sa thuseng mo maitekong a go fokotsa kanamo ya mogare wa corona.

Mo potsolotsong ka Laboraro, Superintendent Mbisana o ne a re ba tshwere bakgweetsi ba le lesome le bobedi mabapi le go tlhoka go obamela melawana ya kiletso mesepele ka Labobedi bosigo.

Ramapodisi o ne a supa fa se se tshwenya, bogolo jang ka dipalo tse di oketsega.

O ne a tlhalosa gore badira molato o ba tshwere go simolola ka nako ya boferabongwe go ya kwa ya lesome ntswa ba itse fa ba sa tshwanela go tsamaya.

O kaile fa ba tlaa lebisiwa melato ka ba itlhokomolositse molao.

Le fa go ntse jalo, Superintendent Mbisana o akgotse batsamaya ka dinao go bo ba obamela melao.

Gone bosigo joo, ba ne ba tshwara makawana a le mabedi a dingwaga tse di masome a mabedi go ya kwa go masome a mabedi le boraro ba motse wa Ditlharapa mabapi le go tlola melelwane ba tswa kwa lefatsheng la Afrika Borwa, e bile bobedi joo bo mo serubing.

Superintendent Mbisana o supile fa a itumelela tirisanyo mmogo ya banni ba metse e e bapileng le melelwane ka go tswelela ba ba loma tsebe fa ba bona batho ba tlola terata.

 

O kopile setshaba go sala melawana ya bolwetse jwa COVID-19 morago mme a ba kopa go itlhokomela ka dipalo di supa fa bolwetse bo tsweletse bo gapa matshelo a batho mo Botswana. BOPA

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : RAMATLABAMA

Event : Potsolotso

Date : 28 Jan 2021