Bangwe ba itira tsebe se utlwe
28 Jan 2021
E re le ntswa melaetsa e le matsorotsoro go tswa mo diromamoweng, digoagoeng le dipampiri tsa dikgang gore bolwetse jwa COVID-19 bo tsere phekelo e sele, batho bangwe ba santse ba le thata ya lentswe go obamela melawana ya go hema kanamo ya bolwetse.
Mo potsolotsong le mogolwane wa mapodisi a Serowe maabane, Superintendent Poloko Oteng o boletse fa beke e e fetileng go simolola ka di 18 go ya kwa go di 25 mo Serowe le tikolologo ba tswere batho ba ba sa obameleng melao ya botsogo ba le 58.
O boletse fa melato e farologana, mme a supa fa ba tswere batho ba ba sa obameleng dinako tse di beilweng tsa metsamao ba le 32, e le borre ba le 26 fa palo e nngwe e le bomme.
A re ba tshwere gape ba ba santseng ba apaya bojalwa jwa Setswana mme ba tshwara bomme ba le barataro, fa ba ba kgobokanang mo go sa letlelelweng ba le bane ka ditlhopha tsa bo 10.
Ramapodisi o kaile fa ba tshwere ba ba sa rwaleng dibipa molomo le dinko ba le batlhano mme a bolela fa bontsi bo sa obamele melao ya botsogo le fa ba sa tshwarwa.
A re komiti ya botsogo e eteletswe pele ke molaodi wa kgaolo-potlana ya Serowe le ba sepodisi ba tsamaya metse le metsana mo kgaolong-potlana ya Serowe ba lekola gore a melawana e obamelwa ka boammaaruri.
O boletse fa ba letse ba le kwa Thabala kwa ba fitlhetseng bangwe ba le mo dipotong ba kgobokane ba anwa majalwa a Setswana.
O kopile Batswana go itshwara sentle mo mabakeng a gompieno ka bolwetse bo kelemile.
O gakolotse fa botshelo bo tla gangwefela, a kopa setshaba gore se itshware go hema kanamo ya bolwetse. BOPA
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 28 Jan 2021