Breaking News

CEDA e abela sekole dimpho

27 Jan 2021

Mogolwane wa lekalana la CEDA, Rre Oupa Sabata a re mananeo a bone a itebagantse le go thusa dikgwebo tse dipotlana, tse di fagare le tse di kgolwane.

Rre Sabata o buile jalo fa ba ne ba abela sekolo se se botlana sa Khwee dimpho ka Labotlhano.

O ne a supa fa tiro ya bone e se go thusa Batswana ka mananeo fela.

Rre Sabata a re ba na le lenaneo la Corporate Social Responsibility (CSR) le ka lone ba thusang setshaba se ba direlang mo go sone, e le tsela nngwe ya go nonotsha seabe sa bone mo kgaolong.

A re ba na le dingwaga di le pedi ba butse lekalana la CEDA mo kgaolong ya Boteti, a tlholosa gore ba ne ba bona go tshwanela gore ba otlolole letsogo ba thuse sekole sa Khwee ka ba ne ba lemoga fa se na le letlhoko.

A re bontsi jwa bana ba sekole sa Khwee ke ba ba tswang mo dipolasing le meraka e e mo kgaolong eo, kwa batsadi ba bone ba dirang teng.

Rre Sabata a re ba ne ba lemoga gore bana ba, ba tlhaelelwa ke ditlamelo, segolo jang tsa maranyane a segompieno, ke ka moo ba ba abelang dimpho.

E rile a akgola barutabana, a re ke bagaka ka ba dira tiro ya bone ka natla le ntswa ba na le dikgwetlho.

Dimpho tseo, ke dibalamakgolo tse pedi, didirisiwa tse di tlhapang, mesangwana ya basetsana, matsela a a bipang melomo le dinko a le makgolo a supa, masome a mabedi le bosupa.

O ne a tlhalosa fa ba utlwile selelo sa bone, fa ba kopa lekalana la CEDA go ba tsaya ka Adopt a School, a tlatsa ka go re o tlaa fetisetsa kopo kwa bagolwaneng.

Fa a amogela baeng, mothusa mogokgo wa sekole se se botlana sa Khwee, Mme Onalepelo Supang, o supile fa dimpho tse di tlaa dira pharologanyo mo sekoleng sa bone.

Mme Supang a re ba ntse ba sena dibalamakgolo, mme ba dirisa letsogo go kwala kana ba ya go kopa kwa diofising kwa Letlhakane. 

O tsweletse ka go re dimpho tse gape di tlaa tokafatsa maduo a sekole sa bone se a tlhalositseng fa se sa dira sentle mo ditlhatlhobong tsa lokwalo lwa bosupa.

A re motlakase o ba o solofetseng le lenaneo la e- learning, di tlaa fitlhela ba na le sengwenyana, a tlatsa ka go re go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang.

Mme Supang a re ba na le tlhaelo ya barutabana, e a reng e bakwa ke letlhoko la ditlamelo di tshwana le motlakase le tsela.

O ne a kopa ba lekalana la CEDA gore ba ba tseye ka lenaneo la Adopt a school, a tlhalosa gore ba na le dikgwetlho tse dintsi.

Fa a lebogela dimpho, mokhanselara wa kgaolo ya Khwee, Rre Keiketile Gobotswang o ne a leboga ba CEDA a re ba arabile letlhoko la bone le le tona.

Rre Gobotswang a re barutabana ba ntse ba sokola fa ba batla bo kwala, ka ba ne ba tsaya mosepele go ya Letlhakane, fa gongwe e bile ba dirisa dikoloi tsa bone.

Mokhanselara o ne a ba gakolola ka seemo sa COVID- 19, a re e gaketse, e bile go setse go na le mogare o mongwe o o bogale thata.

 

Rre Gobotswang o ne a ba rotloetsa go tswelela ba tshegeditse ditaelo tsa ba botsogo, tsa go itshireletsa mo bolwetseng jo ka go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa, go rwala dibipa molomo le dinko, go katologana le go dirisa dibolaya megare ka nako tsotlhe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : KHWEE

Event : KABO DIMPHO

Date : 27 Jan 2021